Modulasetilo Mokgethi ga a itumedisiwe ke maduo
08 Mar 2017
Modulasetilo wa khansele-potlana ya Tutume, Rre Ishmael Mokgethi a re seemo sa maduo a ditlhatlhobo tsa lokwalo la bosupa, boraro le la botlhano mo dikoleng tse di mo kgaolong-potlana ya Tutume ga se a a itumedisang.
Rre Mokgethi o buile seo mo mafokong a gagwe a phuthego ya khansele-potlana ya Tutume kwa motseng oo ka Mosupologo, mme a re maduo ao a ditlhatlhobo a ngogola a dikole tse dipotlana le tse dikgolwane ga a jese di welang.
A re le fa ntswa dikole tsa Dagwi le Senete di kgonne go feta ka tse di tsididi ka go gapa maemo a ntlha mo dikoleng tse di potlana tse di mo kgaolong, go na le dikole di le masome mabedi le bone tse di sa kgonang go fitlhelela seemo se se beilweng sa masome a supa le borataro mo lekgolong.
Rre Mokgethi o tsweletse a re maduo a lokwalo lwa botlhano a supa fa baithuti ba le masome mabedi le botlhano mo lekgolong ba sekole sa Tutume McConnell College le sa Nata e le bone fela ba ba kgonneng go bona matshwao a a botoka.
A re seo se gwetlha mongwe le mongwe go ema ka dinao go tshwaraganela thuto le banaleseabe go bona gore maduo a ditlhatlhobo a wela mo seelong se se beilweng ke puso kana a se feta.
Gape a re banni ba le bantsi ba akotse lenaneo la ipelegeng ka go le bereka ga mmogo le go apeela badiri dijo tse di utlwalang.
Rre Mokgethi gape o ne a lekodisa phuthego ka merwalela e e tlhasetseng kgaolo bogolo jang kgaolo ya Nata-Gweta, a re dinoka tsa Sepako, Nata le Manxotai di dirile gore tsela ya Manxotai e tswalwe nakwana, a supa fa batho ba thusiwa ka mekoro.
A re mo tshekatshekong, ba komiti ya dibetso tsa tlholego ba kgonne go bona malwapa a le masome a robabobedi le bosupa a a amilweng ke merwalela mo bekeng e e fetileng kwa kgaolong ya Nata-Gweta.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Phuthego ya khansele-potlana ya Tutume
Date : 08 Mar 2017






