Boingotlo o gweba ka go sugasuga
08 Mar 2017
Kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho, mme go tlhoka fela gore motho a ikiteye ka thupana a nne pelo telele go ka bona maduo a a nametsang.
Mafoko a, a builwe ke Mme Malebogo Boingotlo yo o gwebang ka go tlhatswa diaparo, mo potsolosong le BOPA bosheng.
Mme Boingotlo wa Mahalapye, a re go tlhokega botswerere, lorato le kgothalo gore mogwebi a bone maduo a mantle, a bo a itumelele se a se dirang.
E rile a bua kwa madirelong a gagwe, a tlhalosa fa e rile a simolola kgwebo ya gagwe ga bo go se motlhofo mme a itshoka gore e bo e le se e leng sone gompieno.
O tlhalositse fa a ne a na le bangwe fa kgwebo e simolola mme
ka go bona dipoelo di seo ba ikgogela morago.
A re ba ne ba ikopela lenaneo la nyeletso lehuma ka ngwaga wa 2012, mme ya nna bangwe ba ditlhopha tsa ntlha go ikopela dithuso ka lenaneo la nyeletso lehuma mme kopo ya bone ya atlega.
Mme Boingotlo a re e ne e le setlhopha sa bomme ba le batlhano, mme ba tlhama kompone ya Motswedi Laundry e e tlhatswang diaparo.
A re go kwadisa kompone e ne e le lebaka la gore ba kgone go ithekisa ga mmogo le go itsiwe sentle mo tikologong
ya bone.
O ne a tlhaolosa gore e rile morago ga katlego ya bone ba isiwa dithutong ke ba lephata la boipelego go ithuta go tlhatswa diaparo ga mmogo le go dirisa dimashini tse di tlhatswang.
A re ba ne ba kgona go rekelwa ditsompelo tsa kgwebo jaaka dimatshine tse di tlhatswang le tse dingwe fela jalo.
Le fa gontse jalo, Mme Boingotlo o ne a tlhalosa gore maloko a mangwe a ne a ikgogela morago mme a sala a nosi, ka ba ne ba bona kgwebo e sa dire madi.
A re kitso e ke yone e tshegeditseng gore kgwebo ya gagwe e tswelele pele go fitlha mo nakong eno.
“Go ikgogela morago ga maloko a mangwe ga go a nkgoba marapo ka gore ke na le dikitso ka kgwebo e ya go tlhatswa diaparo,” a tlhalosa.
A re mo nakong ya gompieno kgwebo e simolotse go dira dipoelo tse di nametsang fela thata.
O tsweletse a tlhalosa ka gore gantsi o tlhatswetsa ditlhopho tsa kgwele ya dinao le morafe ka kakaretso.
Mme Boingotlo o buile ka monyenyo fa a tlhalosa fa a ne a thapa bomme ba le babedi go mo thusa tiro,a tlatsa ka gore kgwedi ga e
fedile o duela babareki ba gagwe fela sentle.
A re o dirisa dipoelo tsa gagwe gape le go tlamela ba lelwapa la gagwe ka ke ene motlhokomedi a le nosi.
Mme Boingotlo a re o santse a thusiwa ke ba lephata la boipelego ba khansele potlana ya Mahalapye ka gore ba mo adimile lefelo
dingwaganyana mme fa tumalano e wela o tlaabo a ipatlela kwa a tla direlang kgwebo ya gagwe teng.
A re letlhoko la lefatshe ga le mo jese di welang, ka ene tebelopeleya gagwe ke go bona lefatshe le a tla direlang kgwebo ya gagwe teng a phuthulogile,gape fa go kgonagala a oketse dimashine go ka dira tiro ka bofefo.
O ne a kgothatsa Batswana ka kakaretso go tsaya mananeo a tsia go ka fetola matshelo a bone ga mmogo le go tlhamela ba bangwe.
O rotloeditse bagwebi go sa letlelela dikgwetlho tse ba kopanang le tsone go nna mmaba mo dikgwebong tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ogomoditse Johannes
Location : MAHALAPYE
Event : POTSOLOTSO
Date : 08 Mar 2017






