Breaking News

Kwa Maun ba batla lefelo la dipalamo

08 Mar 2017

Mookamela lephata la dipalamo le ditlhaeletsanyo mo kgaolong ya Bokone Bophirima, Mme Reginah Mapharing o tlhalositse fa lephata la gagwe le khansele ya bophirima ba le mo patlong ya lefelo le le ka tlatsang mafelo a dipalamo tsa setshaba tsa mo gae mo Maun.
Mme Mapharing o supile fa lefelo la dipalamo tseo le le kwa mapalamelong a dipalamo tsa setshaba le le lennye ka le amogela ditaxi tse di masome mararo fela.
O tlhalositse fa lefelo le lengwe le le letleletsweng la maemelo a ditaxi la bogologolo le lone le le lennye, ka jalo mafelo oo mabedi a sa kgone go amogela dipalamo tseo tsotlhe.
Mme Mapharing o ne a araba boradipalamo ba ba neng ba supa ngongorego ka tlhaelo ya maemelo a dipalamo, selo se ba reng ke sone se bakang koketsego ya melato ya go pega le go folosetsa fa go sa letlelelweng teng.
Le fa go ntse jalo, Mme Mapharing o ne a ba itsese fa go le mo thulaganyong ya go batla lefelo, sebe sa phiri e le gore lefelo le le bonweng ga se la khansele ke la mong.
Fa a mo tlatsa, molaodi wa kgaolo-potlana ya Maun, Mme Angelina Leano o ne a tlhalosa fa go batla lefelo la go nna jalo go tsaya lobaka ka go tshwanetse ga nna le mafelo a boitiketso le tse dingwe.
O supile gape fa go setse go rulaganngwa gore lefelo leo le tlaa rekwa ke ba khansele ya Bokone Bophirima kana ba lephata la dipalamo le ditlhaeletsano.
Mo go tse dingwe, Mme Leano o ne a gakolola boradipalamo go obamela maitlamo le melawana ya dipalamo, jaaka go folosetsa bapalami fa go tshwanetseng teng.
Mongwe wa bakgweetsi ba dikoloi tsa setshaba, Rre Mathobogi Kitso o ne a supa fa go le boammaaruri bangwe ba bone ba sena botho, selo se a rileng ke matlhabisa ditlhong.
Rre Kitso o ne a kopa go itse dipalo tsa dikoloi tseo mo Maun, a re gongwe ke  sone se se oketsang mathata a go pega le go folosa bapalami mo mafelong a a sa letlelelweng.
Mokgweetsi yo mongwe, Rre Galebone Kebonyemodisa o ne a re ditsela tse di sa siamang ke tsone di bakang kgotlhang mo gare ga bone le bakgweetsi, a botsa gore lephata la dipalamo le dira go le kae ka kgang eo.
Le fa go ntse jalo, mogolwane wa lephata la dipalamo mo Maun, Mme Ntshadi Motsie o ne a re ke maswabi go bo bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba ba nankola mabaka a a ba patikang go dira melato.
Mme Motsie a re tlolo molao ke tlolo molao ga e emelwe ke mabaka a go tshwaya bapagami le molao phoso.
O supile fa molato wa go thibela bapalami o le kwa godimo thata mo Maun mo go bakwang ke go pegela mo mafelong a a sa tshwanelang.
Mme Motsie o tsibositse bakgweetsi fa go sa obameleng melawana go tlaa baka gore ba gapelwe diteletso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : POTSOLOTSO

Date : 08 Mar 2017