Breaking News

Mapodisi a Phikwe a tlhotlhomisa dintsho

08 Mar 2017

Mapodise a Selebi Phikwe a tlhotlhomisa dintsho tse mo go tsone monna wa ngwaga tse 29 a ikgapetseng botshelo, fa mosimane wa dingwaga tse thataro a tlhokafetse morago ga go nwa senotsididi se go belaelwang se ne se na le botlhole.
Mo potsolotsong le bobegadikgang, mookamela mapodise a Selebi Phikwe, Rre Victor Nlebesi a re moswi, yo o tlholegang kwa Borolong e ne e le mmelaelwa e bile a batliwa mabapi le ditlhotlhomiso tsa leso la mosimanyana yoo.
Rre Nlebesi a re, mmelaelwa o ne a tlela mmagwe mosimanyana yoo dijo tse go belaesegang le tsone di ne di na le botlhole ka di ne tsa seka tsa mo tsaya sentle le babereki ka ene ba sena go di ja.
O supile fa mmagwe mosimanyana a ne a ya ka senotsididi kwa lwapeng kwa a fetileng a se baya mo setsidifatsing.
A re senotsididi seo se ne sa lala mme ngwana a se tshelelwa a tswa kwa sekoleng mo e rileng morago ga go se nwa a wela fa fatshe mme a tabogisediwa kwa kokelong kwa ngaka e fetileng ya rurifaditseng fa a tlhokafetse.
A re sepodise se emetse pego go tswa kwa bongakeng gore botlhole ke jwa mofuta mang ka ditiragalo di diragetse kgwedi ya Tlhakole e ya fifing mme mmelaelwa ene a fithetswe a ikgapetse botshelo kgwedi ya Mopitlo e tlhola gangwe.
O ne a gakolola setshaba go kopa bogakolodi kwa go ba ba maleba ka go bolaa kgotsa go ipolaa e se go fenya mathata ka tiragalo go belaesega e diragetse ka lebaka la botsalano jo bo sa tsamayang sentle.
Rre Nlebesi o ne a supa gore ngwaga o fetileng ga o ya fifing tiriso ya botlhole e ne e ile magoletsa bogolo jang mo diruiweng mme kgwedi ya Tlhakole ba begetswe go swa ka bontsi ga dintsa mo Selebi Phikwe le meraka e e mabapi mme seo molao o sa se letle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaone Busang

Location : SELEBI PHIKWE

Event : POTSOLOTSO

Date : 08 Mar 2017