Seeletso o lekodisa ba Letllhakeng
08 Mar 2017
Motsamaisi wa motshine o mosha wa ditlhopho, Rre Gabriel Seeletso o tlhalositse fa go sa gakgamatse gore Batswana ba nne le maikutlo a a farolonganyeng ka diphetogo tse di dirilweng mo molaong o o tsamaisang ditlhopho ka jaana e le tshwanelo ya bone go ntsha maikutlo a bone.
E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Letlhakeng ka Labobedi go rerisa batho ka diphetogo tse di dirilweng mo molaong wa ditlhopho, Rre Seeletso a supa fa molao oo o setse o rurifaditswe, ka jalo go se na poelo morago.
A re ka jalo Batswana ba ba sa ntseng ba na le lesokolela ka diphetogo tseo ba tlaa tshwanelwa ke go o amogela ka jaana e le tshwetso e e setseng e tserwe ke puso, mme ofisi e e tsamaisang ditlhopho e tlamega go diragatsa diphetogo tseo.
Dingwe tsa diphetogo tse Rre Seeletso a lekodisitseng batho ka tsone ke tsa koketso ya madi a a lopiwang batho ba ba batlang go emela ditlhopho.
A re mo go tsa bokhanselara madi a peeletso a okeditswe go tswa mo go P100 go ya kwa go P1 000 fa a bopalamente a tlhatlogile go tswa kwa go P500 go nna P5 000.
O ne gape a tlhalosa fa madi ao jaanong a sa tlhole a boela ba ba jelweng ke ditlhopho jaaka go ne go ntse pele.
O tlhalositse gape fa ba tsere tshwetso ya go emisa ikwadisetso ditlhopho ya tlaleletso mme jaanong tlaa okediwa nako ya go ikwadisa.
Rre Seeletso o ne gape a tlhalosa ka motshine o o tlaa bong o dirisiwa go tlhopha boemong jwa dipampiri o e bileng e le one phetogo ya konokono mo melawaneng e mesha.
O tlhalositse fa motshine oo o sa dirise motlakase ka mabaka a gore go na le mafelo mangwe a a se nang motlakase.
O ne a tlhalosetsa banni fa motshine oo o sa gokelwa mo maranyaneng a inthanete, ka jalo go se na jaaka ope a ka o sukurasukura.
A re lengwe la mabaka a a dirileng gore go dirisiwe motshine ke go tokafatsa nako e maduo a tswang ka yone ka jaana mo nakong ya gompieno ya dipampiri maduo a kgona go lala a balwa bosigo jotlhe mme a tswe letsatsi le le latelang.
Rre Seeletso o weditse ka go tlhalosa fa motshine oo o tlaa tsisiwa mo Batswaneng monongwaga gore ba tle ba nne le nako ya go ithuta ka fa o berekang ka teng pele ga ditlhopho tsa setshaba tse di tlang.
O ne a tshephisa fa motshine oo o tsile go tsisa maduo a a siameng le gore ga go na sepe se se ka tsisang tsietso kgotsa tlhakatlhakano. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Refilwe Molapisi
Location : LETLHAKENG
Event : phuthego ya kgotla
Date : 08 Mar 2017






