Go ngwega ga bana go diga maduo
13 Jun 2013
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Itholoke kwa kgaolong ya Ngwaketse Bophirima, Mme Totanang Serurubele, a re ba tshwenngwa ke bana ba ba tlogelang sekole ka jaana go isa maduo a sekole kwa tlase.
E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Serurubele a tlhalosa fa bana ba sekole sa gagwe ba itlwaeditse go tlogela sekole mme ba e go nna kwa dipolaseng, kwa bontsi jwa batsadi ba bone ba thapilweng teng. A re ba itshwaragantse le ba khansele gore bana ba ba ngwegang mo sekoleng ba latelwe.
A re e re ntswa bangwe ba baithuti bao ba kgona go tsamaya sebaka se se fetang malatsi a le masome mabedi le bongwe a a beilweng ke lephata la thuto gore morago ga one ngwana a bo a sutlhiwa, ba rotloeditswe gore e re ka jaana motse wa bone e le mengwe e e kgakala le ditlamelo ba tswelele fela ba busetse bana bao mo sekoleng nako ya ba boa.
Le fa go ntse jalo o supile fa go latela bana kwa dipolaseng go diela barutabana nako ya go ruta ba bangwe, gape le bone bana ba ba siileng ba siiwa ke dithuto.
A re selo se se digela maduo a sekole kwa tlase, a supa fa sekole sa gagwe se dikile se fentse maduo a lekwalo la bosupa ka lesome le bosupa mo lekgolong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : ITHOLOKE
Event : Potsolotso
Date : 13 Jun 2013






