Ofisi ya Omang e tlaa bulwa
13 Jun 2013
Tona wa lephata la Pereko le Selegae, Rre Edwin Batshu, a re lephata la gagwe le tlaa bula ofisi ya Omang kwa Mogoditshane.
A re ofisi e tlaa bewa fa go babalesegileng ka ntlha ya gore ofisi ya pele e ne ya tswalwa ka gore fa e neng e le teng go ne go nna fela go thubilwe. Tona o buile jalo bosheng, fa a ne a araba kopo ya gore ofisi eo e bulwe ka jaanong ofisi ya ga mopalamente e fetogile ofisi ya pereko.
Tona o ne a tlhalosa gore ngwana yo o tsholwang o tshwanetse go kwadisetswa matsalo malatsi a le masome a marataro a ise a wele fa kwadiso ya dintsho yone e tshwanetswe go dirwa malatsi a le masome mararo a ise a wele.
A re ngwana wa dingwaga tse di lesome le borataro o tshwanetse go kwadisediwa Omang malatsi a le masome a mararo a ise a wele. O tlhalositse gape gore kwadiso ya matsalo a bana ke yone e e thusang puso go dira ditogamaano tse di amang bana ba ba tshotsweng gore ba akanyediwe nako e sale teng.
Mo go tse dingwe tse di amang lephata la gagwe, Tona Batshu a re puso e tshwentswe ke dipalo tsa bana ba dingwaga tse di kwa tlase ba ba disang mo dipolaseng, ba sa tsenngwe sekole. A re go dira jalo go kgatlhanong le molao.
Baagi ba ne ba kopa gore puso e sekaseke go fokotsa dituelo tsa Omang le tsa dipasa tse di utsulweng. Selelo se sengwe ya nna dipalo tsa batswakwa tse di ileng magoletsa le gore go lebega ba bona diteseletso tsa go bereka mono motlhofo.
Tona Batshu o ne a kopa gore morafe o thusane le puso mo kgannyeng ya batswakwa. O tlhagisitse morafe gore go fitlha batswakwa ke molato. O ne gape a gatelela gore fa motho a latlhile omang kgotsa bukana ya mosepele, o tshwanetse go duela madi otlhe.
O weditse ka gore diteseletso tsa peroko tse di fiwang Batswakwa di sekasekiwa fela thata pele ba ka di fiwa, a tlatsa ka gore ke sone se go nang le tiego. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOGODITSHANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 Jun 2013






