Breaking News

Lenaneo la Tirelo Sechaba le fetola matshelo

07 Mar 2017


Monana wa Kobojango Mme Clara Manyane ke mongwe wa ba ba akolang mananeo a puso go tlhabolola botshelo jwa gagwe.
Mme Manyane o tlhalositse jalo mo potsolosong le BOPA bosheng gore o ne a tsaya tshwetso ya go tsenelela Tirelo Setshaba morago ga go kgarakgatshega le go batla ditiro tse a neng a sa di bone.
O tlhalositse gore o ne a berekela mo Ipelegeng mme morago ka ngwaga wa 2014 a tsenelela lenaneo la Tirelo Setshaba mo ofising ya balemisi gone mo Kobojango.
    A re lenaneo le le ne la mo fa maitemogelo a a botlhokwa a le mmalwa. Mme yo wa dingwaga tse di masome mabedi le borataro a re o ithutile go bereka le batho, go apara mo go eletsegang le botsipa jwa tsa temo.
O tlhalositse jalo gore madi a a a fiwang ka kgwedi o ne a kgona go agelela setsha sa gagwe le go ikagela kamore e bile o nna mo go yone.
A re o kgona go tlhokomela ngwana wa gagwe yo o dingwaga tse tlhano a sa kope thuso gope. 
Mme Manyane a re botshelo jwa gagwe bo tokafetse fela thata fa esale a tsenelela Tirelo Setshaba.
O tlhalositse jalo gore o itumelela tiro ya gagwe e bile o bereka sentle le babereki ka ene. 
A re ga a na keletso ya go tlogela tiro ka lebaka la gore lenaneo le, le mo file maduo a a itumedisang fela thata.
Mme Manyane a re dinako tse a berekang ka tsone di dira gore a kgone go bona sekoropo se sengwe. 
A re ke motho yo o ratang go dira ka diatla a loga meriri. 
O buile jalo gore fa a wetsa tiro ya gagwe ya letsatsi ka nako ya bongwe o kgona go ipereka a sena matsapa ape.
Mme Manyane o ne a gakolola banana go inaakanya le mananeo a a ntshitsweng ke puso. 
A re a mosola ka lebaka la gore a tlhabolola matshelo e bile motho o kgona go anywa botsipa jo a ka felelang a bo dirisa fa a fetsa Tirelo Sechaba. ENDS

Source : BOPA

Author : Monosi Cletus

Location : KOBOJANGO

Event : POTSOLOTSO

Date : 07 Mar 2017