Breaking News

Kgosi o lopa makgotla le dikereke go tshwaragana

07 Mar 2017

 Kgosi Malope II wa Bangwaketse a re monogwaga pula e nele thata, ka jalo bontsi jwa batho ba tlaa ora molelo wa mariga le mororo dipula di senyeditse bangwe.
 Fa a amogela morafe le dikereke tse di neng di phuthegetse kwa kgotleng kgolo ka Tshipi, Kgosi Malope II o boletse gore ke nako e lekgotla la baruti le dikereke ka go farologana ba tshwanetseng go tshwara merapelo ya go lebogela pula morago ga kopo ya ga Tautona ya gore go lebogelwe pula.


Kgosi Malope a re ke tshwanelo ya gore Batswana ba lebogele pula ka jaana ba ikopela kwa go Ramasedi e seka ya re ba sena go e kopa ba didimala fela ntswa ditopo tsa bone di arabilwe.
Fa a ama kgang ya dikgafela, kgosi o ne a re dikgafela di tlaa nna fela fa e le gore morafe o a di batla, a re ene ga a kake a bua ka tsone ka gore ke tsa morafe ga se tsa gagwe.


Modulasetilo wa lekgotla la baruti Bishop Themba Pema o ne a re motho o neetswe thata ya go ka laola sengwe le sengwe ka jaana a bopilwe mo setshwanong sa Modimo mmopi, a re ke sone se e reng a lelala kwa legodimong a kopa pula e bo e na gore diphologolo di kgone go tshela.
Bishop Pema a re ka nako ya fa pula e sa ne motho mongwe le mongwe le yo o sa itseng kereke tota e ne e re fa a kopana le yo mongwe a bo a re ga a itse gore Modimo o tlaa ba gopola leng, a supa fa seo e ne e le thapelo.


Mafoko a malebogo a ne a ntshiwa ke modulasetilo wa BOT50 wa Kanye, Rre Ishmael Komanyane, a re morafe o tshwanetse go tlotla kgosi ka gore e re a bitsa ba tsibogele pitso.


Rre Komanyane a re e re ntswa kitsiso ya merapelo e dirilwe mo lobakeng lo lo khutshwane, morafe o ne o tshwanetse go ya kgotleng ka bontsi, a re le botlhe ba e leng Bangwaketse mme ba direla kwa ntle ga Kanye ba ne ba tshwanetse go tla pitsong ya ga kgosi . BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : Kanye

Event : Merapelo ya go lebogela pula

Date : 07 Mar 2017