Banana ba abela mo-na-le bogole
07 Mar 2017
Banana ba setlhopha sa Digital Finest go tswa kwa Digawana ba supile mowa wa bopelotlhomogi ka go abela Mme Gaboratanelwe Molapo yo o tshelang ka bogole kwa Gopong dilwana tse di lopileng P1 200 bosheng.
Setlhopha seo, se se tlhamilweng ke badiragatsi ba Digawana, se ne sa abela Mme Molapo dilwana tse di akaretsang melora e e tlhapang le e e tlhatswang, mosese o o robalang, ditlolo, diaparo le tse dingwe.
E rile a bua kwa kabong ya dilwana tseo, mogolwane wa setlhopha, Rre Daniel Lekhanenyana a re ba kgobokantse madi a ka go dira maitiso a bommabontle mo motseng.
O supile gore maikaeleo a bone ke go dira maitiso ao ngwaga le ngwaga go oketsa letseno la bone go ka kgona go atolosa ditirelo tsa bone tsa bopelotlhomogi.
A re maikaelelo a bone e le ba Digital Finest ke go thusa go fema letlhoko mo motseng le dikgotla tse ditona tsa one tse di akaretsang Gopong le Lerwana, bogolo jang ba remeletse mo go ba ba tshelang ka bogole.
O tlhalosa fa e le la ntlha ba dira tiro ya go nna jalo, mme mpho e ba e abileng e se kalo ka ba ne ba sa bona dipoelo tse di botoka mo maitisong a bommabontle a a fetileng, gape e le tshimologo ya toro ya bone ya go aba.
Rre Lekhanenyana o ne a kopa banni le bagwebi go ba ema nokeng go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
Rre Lekhanenyana o ne a lebogela kemo nokeng e ba e filweng ke ba Digawana Patroit, mmoki wa Gopong le bagwebi ba ba botlana mo motseng, a supa gore tiro e motlhofo fa e pataganetswe ka jaana go motlhofo go amogana dikgakololo.
E rile a amogela dilwana tse, motsadi wa ga Mme Gaboratanelwe, Mme Mpela Molapo a tlhalosa fa ngwana wa gagwe wa dingwaga tse di masome mararo le borobabobedi a sa kgone go bua le fa e le go itirela sepe.
A re o itumeletse go bona banana ba na le lerato le le kalo e bile ba sa kgetholole.
A re o eletsa se e ka nna sekai mo bananeng ba bangwe.
O ne a tlhalosa fa mo go ene mpho e e le tona fela thata, mme e tsile go mo thusa go tsweledisa go tlhokomela ngwana wa gagwe yo o tshotsweng ka bogole.
O ne a kopa batsadi ba ba nang le bana ba ba tshelang ka bogole gore ba seka ba ba fitlha kwa mahure ba tswele kwa ntle ba tle ba bone dithuso ka go farologana go tswa kwa pusong le setshaba ka kakaretso.
O ne a gwetlha banana ba setlhopha seo go tswelela ka mowa o montle oo, gore ba tle ba fitlhelele maikaelelo a bone mo go thuseng ba ba tlhokileng lesego. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Randy Kgosinkwe
Location : DIGAWANA
Event : Kabo dimpho
Date : 07 Mar 2017






