Ba Malelejwe ba akgola maiteko a puso
07 Mar 2017
Banni ba meraka ya Malelejwe, Tshwaane, Njuutshaa le Semowane gaufi le toropo ya Sowa ba re e re ntswa mafelo a bone a le kgakala le dingwe ditlamelo tsa botlhokwa, se se itumedisang ke gore maiteko a puso a a bonala.
Ba re puso e gorosa mangwe mananeo a a thusang go tlhabolola matshelo a bone.
Ba supile se mo potsolotsong le BOPA bosheng mme ba akgola maiteko a e bile ba supa fa ba tsweletse ka go akola mananeo mangwe a akaretsa Ipelegeng.
Mme Arabang Molelekwa a re ba na le sebaka sa go ka thapiwa mo Ipelegeng.
A re ka kgwedi go thapiwa batho ba le masome mararo mme ba tla ba neelwa sebaka gore ba ba sa tsenang ba kgone go bona sebaka sa go thapiwa le bone.
Mme Molelekwa a re sengwe se gape se itumedisang ka lenaneo le ke gore ka nako ya go amogela, badiri ba ofisi e e maleba ba khansele ya Tutume ba a ba latela mo mafelong a bone go ba amogedisa.
A re seo se dira gore ba se ka ba sokola ka ditshenyegelo tsa madi a sepalamo.
Mme Kelelo Botsile wa Tshwaane le ene o tshwaetse fa Ipelegeng e leka go rarabolola letlhoko la ditiro mo lefelong la bone ka jaana ka kgwedi go thapiwa batho ba le masome a mane.
A re ntle le go thapa badiri, go nna le ba bangwe gape ba ba thapiwang go apeela badiri ba Ipelegeng, a re le ene o nnile le sebaka sa go apeela badiri bao mme dituelo tsa teng di a nametsa.
Rre Mokaloba Matlho wa Njuutshaa a re dingwe dithuso tse ba di amogelang di akaretsa go thusa bangwe batlhoki le bagodi ka dijo kgwedi le kgwedi.
O bile a re ntswa ba le kgakala le dikole, ka thuso ya puso bana ba bone ba amogela dithuto kwa Nata le Maposa ba le ka fa tlase ga tlhokomelo ya puso.
Go sale foo, bangwe banana ba re le fa ba sa ntse ba retelelwa ke go atlega go ikopela madi a banana go itshimolodisetsa dikgwebo, sengwe se se ba nametsang ke gore ba nna ba tsaya karolo mo dikgaisanyong tsa malatsi a ga Tautona tsa bodiragatsi.
Ba supile gore ke gantsi ba tsena dikgaisano tsa mmino wa setso mme morago ba bone lemmenyana le ba le kgaoganang ka go lekalekana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : MALELEJWE
Event : POTSOLOTSO
Date : 07 Mar 2017






