Mapodise a tlhotlhomisa dintsho
06 Mar 2017
Mapodisi a Ghanzi a mo ditlhotlhomisong tsa dintsho tse di amanngwang le khadi ya mogwana kwa motseng wa Qabo.
Mo potsolotsong le BOPA ka Tshipi, motshwarelela ramapodisi wa Ghanzi, Assistant Superintendent, Modiro Lekone o tlhalositse fa e rile ka Labotlhano maitseboa ba amogela pego ya gore bangwe ba le batlhano ba go belaesegang ba nole khadi kwa Qabo ga ba a tsoga sentle.
Ga twe ba ne ba a kgwa e bile ba segwa ke mala.
Assistant Superintendent Lekone o tlhalositse fa botlhano joo, jo bo neng jwa amogelwa kwa kokelwaneng ya motse oo, bo ne jwa fetisediwa kwa kokelong potlana ya Ghanzi.
Kwa kokelong Ghanzi, a re go ne ga rurifadiwa fa ba le babedi ba setse ba tlhokafetse. Rre Lekone a re moragonyana wa boraro le ene o ne a latlhegelwa ke botshelo.
Assistant Superintendent Lekone a re e rile ka Matlhatso mo mosong kokelwana ya Ghanzi ya amogela mongwe yo o neng a supa dikai tse di tshwanang le tsa ba batlhano ba ntlha.
A re rre yoo ene o ne a supa fa a ise a nwe khadi, ka maswabi le ene a tlhokafala one moso oo.
Mo dintshong tsotlhe go tlhokafetse basadi ba le babedi le banna ba le babedi. Dingwaga tsa ba ba tlhokafetseng di magareng ga masome a mane le masome a matlhano le boferabobedi.
Rre Lekone a re bobedi jo bo setseng bo a sedilega gone kwa kokelong ya Ghanzi le fa ba ise ba nne mo seemong sa go tlhalosa se se diragetseng. O boletse fa ditlhotlhomiso di tsweletse.
“Bojalwa jo ke khadi ya mogwana, ga re itse gore go tseneng mo go yone. Re emetse gore go dirwe ditlhatlhobo tsa jone le gore ba ba tlhokafetseng ba tlhatlhojwe mo go tseneletseng go itse tota se se bakileng dintsho tsa bone.”
O tlhalositse fa tiragalo ya mothale oo e ne ya diragala gape ka 2015 kwa motseng wa Kacgae mme batho ba le babedi ba tlhokafala. A re go ne go belaesega ba nole bojalwa jwa Setswana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : GHANZI
Event : POTSOLOTSO
Date : 06 Mar 2017






