Molatlhwa le boa ke seruiwa sa botlhokwa
06 Mar 2017
Bogodu ke sengwe sa dilo tse di amang motho mongwe le mongwe mo lefatsheng.
Go le gantsi malatsi a boitapoloso ke one a batho bangwe ba bonang sebaka sa go ithusa kgotsa go amoga batho dilo tsa bone tse ba di bereketseng ka thata.
Le fa go ntse jalo, bangwe ba dirisa ntsa e le nngwe tsela ya go iphemela mo magodung.
Mongwe wa batho bao ke Rre Mothusi Gaokake wa dingwaga tse di masome mane yo o ruileng dintsa di le pedi.
Rre Gaokake a re o ne a bona go le botlhokwa gore a rue dintsa morago ga go utswelwa makgetho a le mabedi kwa lwapeng lwa gagwe mo kgaolwaneng ya Unit 6 mo Jwaneng.
A re dintsa di mo thusa ka go bogola bosigo fa go na le mongwe yo di mmonang mme di sa mo tlwaela.
A re go bogola moo go mo tsibosa gore a batle go bona gore go diragala eng kwa ntle.
A re fa a se yo mo lwapeng, dintsa fa di bogola jalo ba ba bapileng le ene ba kgona gore ba itse gore sengwe se a diragala kwa ntle mme ba tsee dikgato tse di maleba.
Rre Joseph Ketshepile wa dingwaga tse di masome matlhano ene a re o ruile dintsa di le lesome mme a le mo mererong ya tsa kgwebo.
A re le fa dintsa tsa gagwe di sa rekwe ka bofefo jo a neng a bo solofetse, o itumelela gore nako le nako fa di rekwa o bona dipoelo tse di botoka.
A re kwa ntle ga go rekisa dintsa tsa gagwe di mo thusa mo go femeng bogodu ka go le gantsi batho ba nna le poifo ya go tsena mo lwapeng lwa gagwe ka ntlha ya tsone.
A re le fa a nna nako e ntsi kwa Jwaneng, gangwe le gape o ya kwa morakeng wa gagwe kwa Naledi kwa le gone a ruileng dintsa teng.
A re di mo thusa thata mo go sireletseng leruo la gagwe. ENDS
Source : BOPA
Author : Terry Makgoeng
Location : JWANENG
Event : POTSOLOTSO
Date : 06 Mar 2017






