Ditlhare di ka tokafatsa itsholelo
06 Mar 2017
- Mogolwane wa tshomarelo ya dikgwa le dibapalwa nageng, Mme Mmasera Manthe-Tsuaneng o supile fa temo ya ditlhare e le botlhokwa mo botshelong jwa motho le tikologo.
Mme Manthe-Tsuaneng o buile jaana kwa ipelelong letsatsing la go direla setshaba la temo ya ditlhare kwa Mmathubudukwane ka Labotlhano. O boletse fa go direla setshaba e le mogopolo o o tsileng ka Tautona gore mo kgweding ka Labotlhano badirelapuso ba direle setshaba sengwe kwa ba berekelang teng.
O boletse fa se e le maiteko a go tokafatsa matshelo a Batswana.
A re ditlhare di botlhokwa mo matshelong a batho e bile o solofela fa banni ba tlaa amogela dithuso tseo ka go tlhokomela ditlhare tseo e le tsela ya go kgona maikalelo a bone a go dirisa lefelo e le kampa ya itloso bodutu.
Mme Manthe-Tsuaneng o tlhalosa fa ba lemile ditlhare di ka tshwara makgolo a mabedi, di akaretsa monepenepe, motsentsela, mowana le tse dingwe mme a tlhalosa fa ditlhare tseo di ka dirisediwa moriti le maungo.
O boletse fa ditlhare di ka tsholetsa itsholelo ka di felela di oka bajanala mo kgaolwaneng ya bone le gone go tshwarelwa ga meletlo mo mafelong a a kgabisitsweng ka ditlhare tse di tlhokomelesegileng.
Fa a tswa la gagwe, mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) Mme Naomi Lekgabe a re ba ne ba kopana e le komiti fa ba bona lefatshe le senyega go tswa ka megopolo e e ka kganelang seemo seo mme ba ikopanya le ba temo-thuo gore ba leme ditlhare.
Mme Lekgabe o boletse fa ba kopane le ba ofisi ya Forest Conservation Botswana (FCB) go kopa thuso ya madi mme ba thusiwa ka P 340 000 go simolola lenaneo la bone, a tlatsa ka go re keletso ke gore lefatshe le boele mo seemong sa lone mme ba lemogile fa temo ya ditlhare e le yone e ka le busetsang mo seemong.
Fa a tswa la gagwe, Rre Emmanuel Zuku wa FCB o boletse fa tiro ya bone e le go tlhokomela dikgwa tsa Botswana mme ba leboga fa batho ba supa kgatlhego mo go tlhokomeleng metse.
O supile fa ba tlaa dirisana le banni ba Mmathubudukwane go lebelela gore a maiteko a bone a tlaa atlega mme ba ba thuse ka se se tlhokafalang gore maikaelelo a bone e seka ya nna a lefela fela.
Rre Zuku o ne a supa fa ba eletsa go thusa banana ba ba eletsang go simolola ope fela mokgatlho ka tsa madi mme a rotloetsa gore ba etele diofisi tsa bone go utlwa ka thuso e.
O kopile banana gore ba seka ba boifa go tsena mo diofising tsa puso go kopa thuso ka di buletswe setshaba.
O ne gape a kopa maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse go tlhokomela ditlhare tseo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi le Atlang Rabasimane
Location : MMATHUBUDUKWANE
Event : ipelelo letsatsi la go direla setshaba la temo ya ditlhare
Date : 06 Mar 2017






