Breaking News

Makgalemele o rotloetsa setshaba go itlhatlhoba

06 Mar 2017

Mothusa tona wa botsogo le boitekanelo, Rre Dikgang Makgalemele o rotloeditse morafe wa Pilane go itlhatlhobela malwetse.
Mothusa tona o buile mafoko ao bosheng mo phuthegong ya kgotla kwa Pilane fa a ne a tsile go lekodisa morafe ka ditirelo tsa lephata la gagwe.


O boletse fa puso e dirisa madi a mantsi mo kalafing ya malwetse ka go farologana, a tlhalosa fa batho ba ka tsibogela go itlhatlhobela malwetse nako e sa ntse e le teng malwetse mangwe a ka alafesega, a tlatsa ka go re go dira jalo go ka thusa gore madi a a dirisiwang mo dipilising a ka ya kwa ditlhabololong tse dingwe.


O supa gore dipalo tsa dintsho tsa malwetse a a sa tshelanweng di ile kwa godimo, a rotloetsa setshaba go nna se itshidila dinako tsotlhe le go emisa go ja dijo tse di ka tsenyang matshelo a bone mo diphatseng.
Mothusa tona o tlhalositse fa nako e tsile ya gore malwetse ao a tsibogelwe, a tlatsa ka go re ba booki le dingaka ba ka dira tsotlhe tse ba di kgonang mme go mo maruding a ba ba thusiwang go tsaya boikarabelo.


O ne gape a kopa setshaba go reetsa ditaelo tsa bongaka dinako tsotlhe, a supa fa go tlhoka go dira jalo go baya matshelo a bone mo diphatseng.
O buile gape ka learo la borre le le babalesegileng, mme o rotloeditse borre go le dira, a tlatsa ka go re le basimane ba le dire ba sa le babotlana.
O ne a kgothatsa morafe wa Pilane go tlhama komiti ya botsogo, a tlhalosa fa e le botlhokwa.


Mo kgannyeng e nngwe Rre Makgalemele o boletse fa ba na le thulaganyo ya go tlhatlhoba batho botlhe ba ba kileng ba berekela kwa meepong ya Afrika Borwa ba itshwaragantse le ba lefatshe leo, a tlatsa ka go re ba ba ka fitlhelwang ka bokoa ba ya go atswiwa.
O ne a kopa morafe go bolelela ba ba iseng ba tlhatlhojwe go inaakanya le ba botsogo gore ba tle ba thusiwe.


E ne  ya re a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Gaopalelwe Mooki a bolela fa kokelwana ya bone e se mo seemong se se siameng.
O boletse fa e na le dikamore tse pedi fela mme seo se paledisa baoki go dira tiro ya bone ba phuthologile mme a kopa mothusa tona go tsibogela kgang, eo a tlhalosa fa ba sa bolo bo bua ka yone.


A re se se ngomolang pelo ke gore le mo lenaneong la ditlhabololo katoloso ya kokelwana eo ga e yo.
O buile gape le ka tlhaelo ya dikoloi tsa kokelo, a re mo Pilane ba a sokola.


O boletse fa dinako tse dingwe ba patelesega go dirisa dikoloi tsa bone go isa balwetse kwa Deborah Retief Memorial (DRM).
E ne ya re ba mo kgwa dikgaba, banni ba lebogela loeto lwa ga mothusa tona ba supa gore go tsaya nako gore ba etelwe ke bagolwane. Ba boletse fa e le tona wa bobedi go ba etela mo dingwageng tse di sa tswang go feta. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : PILANE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 06 Mar 2017