Monana o itshetsa ka dihutshane
06 Mar 2017
E re le ntswa puso e diretse banana mefuta e mentsi ya go itshetsa, bangwe ba supa botlhaga fa bangwe ba tlelwa ke boitseme.
Monana wa masimo a Matlhage mo Kgatleng o boletse fa a thusitswe ka dipodi ka lenaneo la Youth Fund a bo a baakanyediwa kwa masimo morago a simolola kgwebo ya dihutshane e bile e mo tswetse maduo.
Mo potsolotsong le BOPA, Rre Thabiso Mogomotsi wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabobedi o boletse fa a sale a filwe dipodi ngwagatlola.
O bolela fa kgwebo e, e le botlhokwa ka jaanong e mo tshetsa le batsadi ba gagwe e bile a aga matlo a a hirisiwang.
Rre Mogomotsi o boletse fa a filwe dipodi di le masome marataro le diphoko tse pedi go simolola kgwebo a bo a isiwa sekoleng sa beke gore a kgone go ithuta ka malwetse a dipodi.
Le fa go ntse jalo, Rre Mogomotsi o boletse fa a ne a angwa ke leuba le le neng le tlhasetse mme palo ya dipodi ya wela tlase.
A re mo nakong ya gompieno o setse ka dipodi di le masome mararo le boferabobedi le dipotsane di le masome mabedi le bongwe.
O supa fa kwelo tlase ya dipodi e bakilwe ke leuba le le neng le amile Botswana ka le ne la baka dintsho tsa leruo, a supa fa legale se se sa mo kgoba marapo.
A re o ne a tshwanelwa ke go rekisa dipodi tse dingwe go sala ka tse a ka kgonang go di jesa go fitlhelela leuba le feta.
A re dipodi di ne di se na dipoelo mme go bereka ka natla go mo thusitse ka janong o kgona go busa madi a puso a sale ka a a ka itshetsang ka one.
Rre Mogomotsi o boletse fa ba sa bone dithuso gope fa leruo le bolawa ke leuba, a supa fa e le seemo se se kgobang marapo ka bangwe ba tlelwa ke boitlhobogo.
O kopa gore le bone ba thusiwe fa mathata a go tshwana le a fa a tlhagoga gore dikgwebo di seka tsa amega.
A re seo se ka fokotsa ditshenyegelo tsa puso e bile se ka oka bagwebi ba banana go rekisetsa mabentlele lefatshe ka bophara.
O supa fa dipula tsa maloba di tlaa dira pharologanyo ka jaana dipodi di tlaa kgona go fula di bo di tsale.
A re bopelotelele ke jone bo ka thusang motho fa a na le keletso ya go dira sengwe mo botshelong.
O bua fa banana ba fela pelo fa ba sena go tsenya dikopo mme ba sa ntse ba emetse diphetolo.
O supile fa a bone pharologanyo mo botshelong jwa gagwe, ka jaanong dipodi di kgonne go mo ntsha mo mebileng. ENDS
Source : BOPA
Author : Fikile Kwapa
Location : MOCHUDI
Event : POTSOLOTSO
Date : 06 Mar 2017






