Kgosi o tshwenngwa ke nnotagi
06 Mar 2017
Kgosi Keoganne Modisapodi wa Moralane mo kgaolong ya Legare a re o tshwenngwa ke ka fa morafe wa gagwe o dirisang dinotagi ka teng.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, kgosi o tlhalositse fa morafe o atisitse go dira le go nwa bojalwa ka selekanyo se se kwa godimo, a re se se na le ditlamorago tse di bosula mo banning le motse ka kakaretso.
Kgosi o tlhalositse fa majalwa a a dirwang e le a Setswana a a letleletsweng ka fa molaong, e leng mokuru kgotsa bojalwa ja Setswana jo bo dirwang ka mabele le khadi, e a reng ka tshwanelo e tshwanetse go dirwa ka mogwana le sukiri.
A re le fa go ntse jalo khadi ke yone e gantsi e tshwenyang ka gore e nowa malatsi otlhe, e bile go lebega e dirwa ka metswako e e oketsang bogale mo e leng gore o fitlhela le banwi ba yone ba fetogile le ditiro tsa bone e se tsa motho a itekanetse mo tlhaloganyong.
Kgosi a re dingwe tsa ditlamorago tsa go itshiela dinotagi mo go feteletseng ke botlhokatsebe jo gantsi bo diragalelang kwa mafelong a go itshielwang teng, a supa fa gantsi go tsoga dikgotlhang tse di felelang di baka dintwa, mo fa gongwe go a tleng go nne le dikgobalo tse di masisi le dipolaano tota, a tlatsa ka go re go setse go kile ga nna le dintsho tsa mothale o di le tharo.
A re gape go itshiela mo go feteletseng go ama seemo sa botsogo ka gore kalafi e felela e sa tsewe sentle go bo go baya botsogo jwa motho mo diphatseng.
O file sekai ka malwetse a tshwana le kgotlholo e tona, sukiri, madi a matona le HIV a e leng gore kalafi ya one e tshwanetse go tsewa sentle gore e kgone go bereka.
Kgosi o ne a bua gore le bogodu jwa leruo bo bontsi mo motseng wa gagwe, a re dikgomo le dihutshane di a utswiwa di bo di tlhajwa di ya go rekisiwa e le nama gone kwa go itshielwang teng.
Le fa go ntse jalo, a re ene le mapodisi ba eme ka dinao go itepatepanya le masula a otlhe.
A re go bidiwa diphuthego gangwe le gape go tsibosa banni ka maitshwaro a bone, go gakolola barui go tlhola leruo kgapetsakgapetsa le go dirisa ‘ntebele-ke-go-lebele’ go tlhokomela dithoto tsa baagisanyi.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Kgosi Modisapodi o ne a supa fa morafe o amogetse mananeo a puso a go intsha mo lehumeng, a re go setse go na le bangwe ba ba tsereng dihutshane ka lenaneo la nyeletso lehuma, bangwe ba agetswe ditshingwana tsa merogo, bangwe ba tsere lenaneo la thuo ya dikoko.
Kgosi a re mananeo a kopana le dikgwetlho tse di farologanyeng, a supa fa barui ba ba neng ba tsere dikoko ba setse ba iphotlhere ka di ganyaotswe ke mokorobela, fa ditshingwana tsa merogo tsone di gomagomediwa ke go phutlhama ka go lebega beng ba tsone ba sa tsenya mashetla mo go di godiseng.
A re baikopedi ba dihutshane ke bone ba tshwereng ka thata ka gore bontsi jwa bone ba atlegile e bile ba setse ba le mo seemong sa go rekisa.
Fa a ama ntlha ya thuto, kgosi o ne a ntsha matshwenyego a gore bana ba ba yang go tsena kwa dikoleng tse dikgolwane ba kopana le dikgwetlho di tshwana mosuke, a re sekole sa Moiyabana se segolwane se tsaya bana ba metse e metlhano go akarediwa Moralane, Kodibeleng,Otse le Mosolotshane.
A re se sengwe gape se a se lemogileng ke gore go sekgala magare ga sekole le kwa batsadi ba nnang teng, selo se a reng se na le seabe mo go tlogeleng sekole.
A re legale ene le bogogi jwa motse ba ititeile ka thupana go netefatsa gore bana ba tsena sekole sentle, a re fa ba lemoga gore mongwe ngwana o tshabile sekole, ene le mapodisi le komiti ya motse ya ditlhabololo ba ema ka dinao go bona gore ngwana yoo o boela sekoleng.
Kgosi o ne a wetsa ka go kopa puso go sekaseka go aga sekole se segolwane mo go mongwe wa metse e e bapileng le wa gagwe le gore ba okolediwe badiri ba botsogo ka mo nakong ya gompieno go na le mooki a le mongwe yo o bileng a sa belegise, ka jalo go patelesege gore go ye go belegelwa kgakala kwa Shoshong.ENDS
Source : BOPA
Author : Boitshepo Setogile
Location : MORALANE
Event : POTSOLOTSO
Date : 06 Mar 2017






