Breaking News

Madikwe o leboga barutabana

06 Mar 2017

 Go leboga barutabana ba ba dirang sentle mo tirong ke nngwe ya ditsela tsa go ba tiisa moko gore ba tswelele ba dira sentle mo tirong.
Mogolwane wa thuto kwa kgaolong ya Selebi Phikwe-Bobonong (SELEBO), Rre Dithabi Makwate o buile jaana kwa moletlong wa go abela barutanana ba sekole se sebotlana ba ba dirang sentle dietsele kwa Bobonong ka Labotlhano.


O boletse fa go leboga badiri ba ba dirang sentle e le lenaneo la puso le maikaelelo a lone e leng go kgothatsa badiri go tswelela ba le tlhaga.
Rre Makwate a re le mo dikhamphaning tse di ikemetseng lenaneo le le teng e bile badiri gantsi ba lebogwa ka kokeletso dituelo.
A re lenaneo le, le tlaa tokafatsa maduo a batithuti ba sekole sa Madikwe, segolo jang fa le ka nna la ngwaga le ngwaga.


Rre Makwate o ne a kgothatsa barutabana ba le lesome le botlhano ba ba neng ba tsaya dietsele go tswelela ba dira sentle.
O kgothaditse barutabana ba ba sa kgonang go tsaya dietsele go dira ka natla gore ba tle ba kgone go tsaya dietsele mo nakong e e tlang.
Rre Makwate o tlhalositse fa maduo a supa gore sekole se, se ntse se dira sentle mo dithutong mo dingwageng tse di fetileng.


Mogokgo Kelapile Patiko a re tirisano mmogo le kutlwano ya barutabana ba sekole sa gagwe ke yone e ba kgontshang go dira sentle.
A re barutabana ba Madikwe ba boineelo mo tirong e bile o dumela gore ba tlaa tswelela ba dira ka natla.
A re baithuti ba sekole sa gagwe ba tsena sekole sentle e bile ga ba ise ba ke ba nne le dikgang tsa go tlogela sekole ga baithuti ka boimana.
Morutabana yo o gaisitseng ba bangwe ke Mme Annah Thipe ka matshwao a masome a robabobedi mo lekgolong.


Morutabana yo o tsereng seetsele sa go nna yo o tokafetseng mo tirong ke Mme Priscilla Sedimo ka matshwao a masome a mane mo lekgolong.
Mogokgo o ne a lebogela batho botlhe ba ba nnileng le seabe mo katlegong ya moletlo o, mme a ba kgothatsa go tswelela ba thusa sekole fa se tlhokang teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Pauline Mothudi

Location : BOBONONG

Event : Kabo dietsele

Date : 06 Mar 2017