Tiro ya diatla e na le botshelo
05 Mar 2017
E re ka letlhoko la ditiro le apere banana ka bontsi, bangwe ba inaakantse le tiro ya diatla go itshetsa le go tlhamela ba bangwe ditiro, selo se se rotloediwang thata ke puso.
Se se itumedisang ke go bona bagwebi ba banana ba dira ditiro tsa diatla di sa phutlhame e bile di itshetletse dingwaga.
E rile a bua le BOPA, Rre Kabelo Moroka wa dingwaga tse di masome mararo le bobedi, o kaile fa a sale a tsena mo kgwebong ya go nosetsa ditshipi ka 2006 mme morago a atolosa kgwebo ka go penta le go papetlolola dikoloi.
Rre Moroka a re go le pele o ne a itshetsa ka go tshwara fale le fale mme a kokotletsa go simolola kgwebo ya go nosetsa ditshipi e a e ithutetseng kwa Mochudi Brigade mme a seka a tlhola a boela morago mo kgwebong ya gagwe ka a ne a bona dipoelo tse di nametsang.
Mo kgolong ya kgwebo a re o ne a thapa banana ba le babedi, a tlhalosa fa a itumela ka le ene a kgona go itshetsa le bana ba gagwe.
“Kgwebo e tsamaya sentle.
Ke na le kelesto ya go e atolsa, mathata toro ya me e kare e tlaa phirimisiwa ke gore maphata a madi a kaile fa a thusa ba ba nang le madirelo e seng ba ba direlang mo malwapeng.
Kgwetlho e nngwe ke ya lefatshe, fa ke ne ke na le setsha gongwe ke ne ke ka se fetola kana ka dirisa bontlha bongwe ka gore e sale ke simolola kgwebo ke ntse ke hirisa fela,” Rre Moroka a tlhalosa.
Rre Moroka o ne a rotloetsa banana go ithuta ditiro tsa diatla, a re ba lese go nyatsa dikole tsa ditiro tsa diatla, a kaya fa ene e le sekai sa gore dikole tseo di na le boleng, segolo mo ditirong tsa diatla, a tlatsa ka go re bopelotelele bo a busetsa.
Rre Lebogang Gaelae, 32, yo a reng o sale a bereka le Rre Moroka ka 2008, o tlhalositse fa a ithutile go le gontsi mo go ene.
A re Rre Moroka o mo rutile tiro ka lerato le bopelotelele.
Rre Gaelae a re mo bogompienong o ikokotleletsa madi gore le ene a ikise sekoleng a tle a nne le setlankana ka a setse a na le maitemogelo a go nosetsa.
A re go ya pele o eletsa go tlhamela banana ba bangwe ditiro ka a na le mogopolo wa go bula kgwebo.
O rotloeditse banana go inaakanya le ditiro tsa diatla, a re ba seka ba tlhopha ditiro a bo a gatelela gore ga se mongwe le mongwe yo o ka berekang mo ofising.
Fa a tswa la gagwe, Rre Setshego Masupu yo le ene a berekang le Rre Moroka go simolola ka 2014, a re e re ntswa a bidiwa fela fa tiro e le ntsi, o itumelela go bo a kgona go bona letseno nako le nako fa a theogetse.
Le ene o rotloetsa banana go emisa go tlhopha ditiro e bile o tlhalosa fa ene a itshetsa fela ka tiro ya diatla. BOKHUTLO
Source : bopa
Author : Kesego Ngwai
Location : MOCHUDI
Event : POTSOLOTSO
Date : 05 Mar 2017






