Maruping go a boelwa e tsosolosa ngwao
05 Mar 2017
Poko ya Setswana e gomagomediwa ke go nyelela ka ntlha ya gore batho ba kgatlhegela diteme di sele, le mefuta e mengwe ya bodiragatsi.
Mo potsolotsong, modulasetilo wa mokgatlho wa baboki wa Maruping go a Boelwa, Mme Keabonye Bareeng o supile fa ba lemogile matshosetsi a, mme ba bona go tshwanela gore ba kgobokane e le baboki, gore ba nne ba rulaganya mediro, e le ntlha nngwe ya go tsosolosa le go rotloetsa Batswana go rata segabone.
Fa a bua ka moletlo o o tlaa tshwarwang mo bogautshwaneng, o ne a re go ya go nkga go sa bola kwa Thapong Visual Arts, ka diganka tsa poko di tlaa bo di ntsha ga tshwene Mopitlwe a tlhola lesome le bosupa.
“Kwa modirong o, go tlaa bo go diragatsa baboki ba ba farologanyeng ba akaretsang Solly Sebotso, Moroka Moreri, Mochana Motswasele, Bonni Manuel, Tsikitsiki Ke a Gotela, Moabi Bisto Abaleng, le ba bangwe.
Mme Bareeng a re mo thulaganyong e, baboki ka go farologana ba tlaa bo ba dirisa puo e e nonneng, e e lolameng e bile e le bofitlha, e tletse ka molaetsa e bile e kgatlha, e supa boswa jo bo tswang mo go bo rraaronamogolo, e bile e tsosolosa ngwao.
A re ba ikgobokantse e le baboki ba ba gasagasameng le Botswana go kopana a bo ba dira mokgatlho o, e le tsela nngwe ya go tshegetsa le go busetsa serodumo sa poko ya Setswana.
“Re bone gore re seka ba ipona tsapa, ka re tshwenyegile, e bile re tlhajwa ke ditlhong gore go bo go se na kemedi e e nonofileng ya baboki ba Setswana, mme gone bokgoni bo le teng”, ga bolela Mme Bareeng.
“Maikaelelo a rona ke go tsholetsa serodumo le go ngoka batho go rata ngwao ya rona re le Batswana.
Go lebega Batswana ba setse ba se na kgatlhego mo pokong, jaanong re batla go bontsha boleng le botlhokwa jwa poko mo setshabeng,” a akgela.
A re ba batla go godisa le go nonotsha poko mo setshabeng ka kakaretso, a tlatsa ka go re, ‘fa re ya kwa pele, re dupa botsipa le go rutuntsha banana ba ba nang le kgatlhego gore re kgone go ba bopa go tswa kwa meding, ka re lemogile gore bontsi jwa rona re simolotse poko re setse re godile, ka ntlha ya go tlhoka yo o re emang nokeng,” a tlhalosa.
A re thulaganyo ya bone e le mokgatlho e akaretsa go rutuntshana, go amogana maele le go lemoga bokgoni jwa go kwala le go boka.
“Re lemoga gore go na le pharologanyo ya bakwadi ba poko le badiragatsi ba poko, ka jalo re ikaeletse go thusana re lebeletse bokgoni jwa rona re le baboki ka kakaretso,” a tlhalosa.
Mme Bareeng a re gore Mokgatlho wa bone o bo o le se o leng sone ke ka ntlha ya dikgaisanyo tse bontsi jwa bone ba neng a ba di tsenelela ka lenaneo la ga Tautona, kwa ene le bontsi jwa badiragatsi ba neng ba lemoga bokgoni jwa bone teng.
“Setlhopha sa rona se kwadisitswe semmuso ngogola, mme e bile re setse re tseneletse thata mo mererong ya bodiragatsi jaaka kwa Son of the Soil, nngwe ya thulaganyo ya bodiragatsi e e tshwarwang ngwaga le ngwaga.
A re se se supa kgolo, e bile se a ba rotloetsa ka e bile go bontsha gore fa ba ka ipapatsa thata, poko e ka nna mo seemong se se lekanang le mefuta e mengwe ya bodiragatsi.
Mme Bareeng a re o eletsa go bona baboki ba Batswana ba rotloediwa le go tlotlomadiwa jaaka ba mafatshe a mangwe e bile ba fiwa tlotlo e e ba tshwanetseng.
“Mokgatlho wa rona ke gone o simololang, ka jalo re santse re na le dikgwetlho tse di farologanyeng di akaretsa tsa madi. Re tlhokana le thotloetso nngwe le nngwe fela e e ka re thusang go kgona maikaelelo a rona.” ENDS
Source : BOPA
Author : Ka Thuso Kgakatsi
Location : GABORONE
Event : potsolotsong
Date : 05 Mar 2017






