ZOROGA O TLHASETSWE KE METSI
03 Mar 2017
E rile ka Laboraro mo mosong meraka le masimo tsa motse wa Zoroga ya nna tshwarang tshwarang fa ba tlhaselwa ke metsi a mantsi a a neng a elela le naga fa fatshe ba sa itse kwa a tswang teng.
Modulasetilo wa ba ba emetseng lekalana la Red Cross mo motseng wa Zoroga, Rre Kesetselemang Thanke fa a buwa mo potsolotsong a re o tlhagisitswe ka metsi ao mme ba seka ba dia sebaka ene le dikgosi tsa motse ba kopane le ba motse wa Nata go ya go namola batho bao.
O tlhalositse fa metsi ao a tla ka selekanyo se se kwa godimo e bile a le bophara jo botona fela thata. A re ka jalo o tlhagisa banni ba metse e e mabapi le Zoroga ebong Tsokatshaa le Gweta go nna podimatseba ka dinako tsotlhe ka go lebega a tlaa fetela ko metseng eo.
Rre Thanke a re kgwetlho e ba kopaneng le yone ke ya banni bangwe ba mo masimong le mo merakeng ba ba ganang go fudusediwa ko metsi a sa feteng teng. A re ba tlhalosa fa matshelo a bone a le mo merakeng ka jalo ba ka se phuaganye fela jalo motlhofo.
“Metsi a, a tlaa fela a lebagane le motse wa Zoroga, go thusitse fela ka gore ga a kgone go tlola tsela ya dipalamo ka jalo a bapisitse yone tsela e e yang ntlheng ya Tsokatshaa le Gweta” ga tlhalosa Rre Thanke.
Zoroga ke motse o o fa gare ga motse wa Nata le Gweta ka jalo a re o gakolola bakgweetsi go kgweeetsa ka kelotlhoko gobane metsi a setse a tsene mo tseleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Joseph Tlholego
Location : ZOROGA
Event : Potsolotso
Date : 03 Mar 2017






