Breaking News

Khansele e weditse phuthego

03 Mar 2017

 Khansele ya Bokone Botlhaba e weditse phuthego ya yone kgwedi eno e tlhola letsatsi, e sena go buisana ka megopolo e le supa le dipotso di le masome a mabedi le bone.

Mo megopolong eo, e le meraro e ne ya amogelwa mme e le mebedi ya fetisediwa kwa komiting ya tsa madi ya khansele, fa e mengwe e le mebedi e ne ya boelwa morago.

Mongwe wa megopolo e e ileng ya amogelwa ke wa mokhanselara wa kgaolwana ya Tshesebe, Rre Smarts Mathonsi o o neng o kopa khansele go laletsa lekalana le le phuthang makgetho go tla go buisa khansele go tlhalosetsa makhanselara ka dikgang tse di amanang le lekgetho.

Rre Mathonsi o ne a supa fa a dule ka mogopolo oo morago ga go lemoga fa go na le bothata tebang le go tlhaloganya dikgang tsa go duela lekgetho, a tlatsa ka gore batho ka bontsi ga ba tlhaloganye dikgang tseo, a re ka jalo e tlaa re ba sena go tlhalosediwa ba nne mo maemong a a botoka go ka tlhalosetsa banni ba dikgaolo tsa bone.

Fa a ema mokaulengwe wa gagwe nokeng mabapi le mogopolo oo, mokhanselara wa kgaolwana ya Themashanga, Rre Kudzani Tobokwani le ene fela jalo o ne a supa fa go na le dikgang tse dintsi tse di amang lekgetho mme ba sena kitso ka tsone.

Mokhanselara Tobokwani o tsweletse a tlhalosa fa dilo di tshwana mela e meleele kwa diofising tsa lephata le le phuthang makgetho, e le dingwe tse ba tlhokang tlhaloso ka tsone, go itse gore matsapa di a tsaya kae.

Makhanselara a Bokone Botlhaba ba ne gape ba amogela mogopolo o mongwe wa ga mokhanselara Mathonsi o o kopang khansele go laletsa mookamedi wa makgotla a Setswana go tla go tlhalosetsa khansele ka dikgang tse di amanang le tsamaiso ya makgotla a Setswana jaaka go tsholediwa ga dikgotla le dikgosi tse di mo makgotleng a Setswana.

Fa a ntsha mogopolo oo, mokhanselara Mathonsi o ne a re o etse tlhoko gore go le gantsi ga ba nke ba bona ditlhaloso tse di tsepameng tebang le tsamaiso le go tlhatlosiwa ga dikgotla tsa Setswana.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Senyawe, Rre William Tatose o ne a supa fa mogopolo oo o tlhamaletse, ka jalo o tlhoka go fetisiwa jaaka o ntse.

Mogopolo o mongwe o o amogetsweng ke wa mokhanselara wa Siviya, Rre Bakani Badziili o o kopang tona wa lephata la tlhokomelo tikologo, metsi le ditirelo tsa kgopho ya leswe go sekaseka go sa akaretsa ditsha tsa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse mo dituelong tsa teseletso ya tiriso ya lefatshe (lease). ENDS

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Phuthego ya Khansele

Date : 03 Mar 2017