Breaking News

Go itlhatlhoba mmogo go molemo

02 Mar 2017

Moeteledipele wa Tebelopele Voluntary Counselling and Testing Centre, Rre Leach Lebakeng o galaleditse baratani ba ba neng ba phuthaganetse kwa moletlong wa dijo tsa maitseboa tsa baratani go bo ba kgonne go itlhatlhoba mmogo.

O tlhalositse gore batho ba ba itlhatlhobang e le bakapelo ba boutsana.

Rre Lebakeng o kaile fa dipalo tsa batho ba ba itlhatlhobelang HIV e se tse di nametsang mo Tsabong, a re ke sone se ba boneng go le botlhokwa gore ba rotloetse bakapelo go itlhatlhoba mmogo.

O ne a tlhalosa gore ba ofisi ya Tebelopele le ya ga molaodi ba itlamile go tswa ka ditselana tse di ka thusang go tsibosa bakapelo ka mosola wa go itlhatlhoba mmogo, ke ka moo ba neng ba rulaganya selalelo.

Fa a ntsha la gagwe, molaodi wa kgaolo Rre Patrick Issac o ne a ntsha mafoko a kgothatso ka go kopa baratani go tsaya malwapa a bone ka tlhoafalo ka go tlhomamisa fa go buisana e le seikokotlelo sa bone mo leratong le go amogela seemo sa bakapelo ba bone.

Rre Issac o supile fa go itlhatlhoba mmogo go supa fa go na le lerato mo barataning gape ba na le maikemisetso a magolo mo botshelong.

O ne a rotloetsa baratani gore ba tsee kgato e e lebanyeng e bile e le kgolo thata mo matshelong a baratani ya go nyalana ka go supa tlhwoafalo mo bathong mme gape ba eteleditse Modimo kwa pele mo malapeng a bone.

Molaodi o ne a gakolola baratani gore ba itse gore go buisana ke selo se se botlhokwa mo leratong.

Mme Tebogo Sethoka o ne a supa fa go ratana e le selo se batho ba se itlhophelang, ka jalo ba sa tshwanela go nna le dikgotlhang tse di se nang boleng.

O kopile baratani, bogolo jang banana go itshoka ka e le selo se se botlhokwa thata fa ba batla go ya kgakala mo leratong, bogolo jang fa maduo a tebelopele a farologana.

Mme Sethoka o rotloeditse banyalani go tlotla malwapa a bone ka gore maitsholo a mantle a tsala dilo tse dintle mo botshelong.

O tlhalositse gore ba tshwanetse go baya tshepho mo Modimong ka jaana e le ene motlhodi wa sengwe le sengwe mme ba emane nokeng ka dinako tsotlhe go sa kgathalesege gore maduo a ntse jang.

Baratani ba ba itlhatlhobetseng mogare mmogo ba le masome mane ba ne ba abelwa dimpho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Phenyo Mosidi

Location : TSABONG

Event : Moletlo wa dijo wa Tebelopele Centre

Date : 02 Mar 2017