Basadi ba tshwanetse go tshegetsana
02 Mar 2017
E re ka mosadi e le thari ya setshaba e bile ngwana wa mosetsana e le selwana sa ga mmagwe, se se tshwanetse go supagala ka go tshwaragana le go dirisana ga basadi mo go tsa ditlhopho kgotsa maemo ape fela a boeteledipele.
Se se builwe ke mogolwane mo lephateng la tsa ditlhopho mo Selebi Phikwe, Mme Christinah Sesinyi a tlhalosetsa ba-tsaya karolo mo thutopuisanong e e neng e tshwaretswe ka Labotlhano ke ba lekgotla la gagwe.
Lekgotla la ditlhopho le ne le laleditse bomme mo maphateng le mekgatlho e e farologaneng le bomme ba sepolotiki go tla go ruta le go lemotsha bomme mosola wa go tshegetsana le go rotloetsana.
Mme Sesinyi a re dipalo tsa bomme ba ba mo maemong segolo jang a sepolotiki di a tlhobaetsa ka di le kwa tlase mme e le bone ba ba ikwadisetsang ditlhopho ka bontsi.
O ne a supa gore ka ditso le tlholego basadi ga ba ise ba nne mo tekatekanyo le borre, mme seo se busetsa maiteko a bomme a go nna baeteledipele kwa morago.
A re ka 2014 mapalamente a a itlhophetshweng a borre a ne a le mane fa a bomme a le mabedi mme seo se tlhaetsa lentswe la basadi kwa palamenteng.
O ne a tlhalosa gore go gasa molaetsa ka go etelela pele le go sa itebela kwa tlase ga basadi, lekgotla la gagwe la dirile mekgatlho mo dikoleng e e rutang ka puso ya batho ka batho go rotloetsa basetsana go ikemela ka dinao.
Fa a ntsha la gagwe, mokhanselara wa Tlhakadiawa mo Selebi Phkwe, Mme Evelyn Kgodungwe o ne a supa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone e le basadi ba mapolotiki e le tse di ngomolang pelo ka mo go tsa itsholelo ba sa lekane le borre e bile ba sa tsewe tsia jaaka borre ke basadi ba bangwe.
O ne gape a supa gore e le basadi ga ba rotloetsane mme seo se bolaya maikaelelo a bone a go batla go etelela ka bomme ba dumela gore ga di etelelwe ke manamagadi pele mme a kopa bomme go ema ka dinao le go tshwaragana go fedisa bokoa joo.
Kgosi Olebogeng Mojuta wa Botshabelo o ne a rotloetsa bomme go thusa go aga boeteledipele jwa bomme ka go emisa letlhoo, go seba le go nyatsana ka seo se ka busetsa maiteko a bomme a go nna le seabe mo go tsa sepolotiki kana go etelela pele.
O ne gape a re basadi ba lebaganwe ke dikgwetlho go sa kgathalesege gore a ba nyetswe kana nnyaa mme seo se tsisa boitlhobogo mo go bone mo go felelang go nna motlhofo go gobadiwa kana go fenngwa.
Mongwe wa banana, Tebogo Lekula a re ga a itumelele gore molaetsa ga o goroge sentle kwa bananeng ntswa e le bone ba bantsi.
A re se se dira gore e le basetsana ba seka ba tsaya karolo mo ditlhophong ka bontsi mo go supang gore ba tlogetswe kwa ntle.
O ne a gakolola lekgotla la ditlhopho go ruta banana gore ditlhopho di mosola gape ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe yo a lekaneng go tlhopha yo o mmatlang e seng go tseelwa ditshwetso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaone Busang
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Thutopuisano
Date : 02 Mar 2017






