Breaking News

Talela Lerole o itshetsa ka poko

02 Mar 2017

"Pheko e tona phetola magosana, pitsa ya logala se utlwiwa ka monko, ke bitswa Talela Lerole nare ya poo sekgatlhantsha batsumi."

E ke tswine ya puo ya Setswana ka Rre Edwin Dikelelelo wa dingwaga tse di masome mabedi le bosupa e le mongwe wa banana ba ba tshegeditseng boswa jwa ngwao ya Setswana ka a tshela ka yone.

Mo potsolosong le BOPA o tlhalositse fa a tshotswe ka botswerere jo ka a sale a simolotse a le mmotlana ka 1998.

O tlhalositse fa e le ene a ikwalelang maboko a gagwe, a boka go ya ka seemo sa nako eo.

A re o boka kwa medirong e e farologanyeng jaaka manyalo le kwa dintshong.

Rre Dikelelelo a re maboko a gagwe a nonne ka puo ya Setswana e bile a na le kgakololo e e remeletseng mo bananeng go ikgapha mo botlhoka tsebeng, tiriso ya nno tagi e bile ba sa lebale kwa lefatshe leno le go tswang.

Mmoki yoo o mo lenaneong la go tlhama buka ya maboko a re o kwa setlhoeng sa go wetsa tiro e a reng o dumela e ka nna le seabe mo baneng ba dikole ka ba ka anywa Setswana se se nonneng mo go yone.

Rre Dikelelelo a re o kile a tsaya karolo mo dikgaisanyong tsa ga Tautona tsa kgaolo ya legare ngwagatlola le ngogola mme a tsaya maemong a bosupa le borataro ka go latelana.

Mo godimo ga moo, a re o nna a diragatsa mo dikgaisanyong tsa dikgaolo kwa a itshupileng fa a se na molekane ka a nna a tswa mofenyi kwa metseng ya kgaolo ya Mmadinare.

O tlhalositse fa a eletsa fa setshaba se ka tsaya poko ka tlhoafalo, le bodiragatsi ka kakaretso, a gakolola fa bana ba tshwanetse go engwa nokeng le go pepetlediwa fa ba na le lorato le bothakga mo go tsone ka di ka ba tshetsa.

O lebogetse thotloetso e e supilweng ke Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama mo bodiragatsing ka a bone go tshwanela gore ngwaga le ngwaga go nne le dikgaisanyo mme  badiragatsi ba atswiwe ka madi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Ditsheko

Location : MMADINARE

Event : POTSOLOTSO

Date : 02 Mar 2017