Breaking News

Modulasetilo o tsibosa banni ka metsi

02 Mar 2017

E rile ka Laboraro mo mosong ya nna tshwarangtshwarang kwa merakeng le masimo a Zoroga fa ba tlhaselwa ke metsi a a neng a elela le naga ba sa itse kwa a tswang teng.

Modulasetilo wa Red Cross kwa Zoroga, Rre Kesetselemang Thanke o boletse mo potsolotsong gore o tlhagisitswe ka metsi ao mme ba seka ba dia sebaka ene le dikgosi tsa motse ba kopane le ba Nata go ya go namola batho bao.

O tlhalositse fa metsi ao ne a tla ka bontsi e bile a le bophara.

A re ka jalo o tlhagisa banni ba metse e e bapileng le Zoroga  ya Tsokatshaa le Gweta go nna podimatseba ka dinako tsotlhe ka go lebega a tlaa fetela kwa go bone.

Rre Thanke a re kgwetlho e ba kopaneng le yone ke ya banni bangwe ba mo masimong le mo merakeng ba ba ganang go fudusediwa kwa metsi a sa feteng teng.

A re ba tlhalosa fa matshelo a bone a le mo merakeng, ka jalo ba ka se phuaganye fela jalo motlhofo.

“Metsi a, a tla fela a lebagane le Zoroga, go thusegile fela ka gore ga a kgone go tlola tsela, ka jalo a bapisitse yone tsela e e yang ntlheng ya Tsokatshaa le Gweta,” ga tlhalosa Rre Thanke.

A re o gakolola bakgweetsi go kgweeetsa ka kelotlhoko gobane metsi a setse a tsene mo tseleng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Joseph Tlholego

Location : ZOROGA

Event : Potsolotso

Date : 02 Mar 2017