Botsogo ke jwa botlhe-Makgalemele
01 Mar 2017
Mothusa-tona wa lephata la Botsogo le Boitekanelo, Rre Dikgang Makgalemele o ne a etela kgoro ya molelwane wa lefatshe leno le Zimbabwe ya Ramokgwebana, kgwedi eno e le masome a mabedi le botlhano.
Rre Makgalemele o ne a nna le sebaka sa go lekola makalana a a kwa molelwaneng oo, gammogo le le leitebagantseng le dikgang tsa botsogo la Port Health, le le simolotseng go dira kwa molelwaneng wa Ramokgwebana ka ngwaga wa 2013.
Fa a buisa baemedi ba makalana ao, Rre Makgalemele, yo gape e leng mopalamente wa kgaolo ya Shoshong o ne a tlhalosa fa maikaelelo a loeto loo, e le go bona fa ba direlang teng.
A re gape o ne a tsile go lekola ditirelo tsa botsogo le go itemogela dikgwetlho mmogo le go itse ditirelo tse di fiwang batho ke lephata la gagwe kwa molelwaneng.
Puso e ne ya tswa ka mogopolo wa go tlhoma di Port Health kwa mafelong a batho ba tswang le go tsena mo lefatsheng leno jaaka mapalamelo a difofane le melelwane, go leka go thibela dithoto tse di ka nnang le botlhabetsi mo botsogong jwa batho go tsena mono. Ka jalo Rre Makgalemele o ne a gwetlha bodiredi jwa makalana a a kwa dikgorong tsa melelwane go bereka ba le seopo sengwe go thibela dithoto tse di sa tshwanelang tsena mo lefatsheng leno.
O ne a kaya fa mo ditogamaanong tsa lefatshe tsa bo lesome le motso, lephata la botsogo le itebagantse thata le thibelo mme a re ga le kake la kgona seo ka nosi ntle le tshwaragano le ba na le seabe ba bangwe.
Rre Makgalemele o tsweletse a kaya fa mafelo a batho ba tswang le go tsena ka one a tshotse itsholelo ya lefatshe, ka moo a gwetlha bodiredi jwa kgoro ya Ramokgwebana go tswelela ba dira tiro ya bone ka manontlhotlho le ka bonokopila.
Mo go tse dingwe, mothusa tona o ne a gakolola badiredi go itlhatlhobela malwetsi ka go farologana ka nako le go itshidila mebele gore ba nne le botsogo jo bo siameng, a tlhalosa fa botsogo e le boikarabelo jwa mongwe le mongwe.
Fa a lekodisa mothusa tona, mookamedi wa ditirelo tsa botsogo le boitekanelo kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Rhoda Phindela o ne a bolela fa badiredi ba lephata la gagwe ba ba direlang koo ba lebanwe ke dikgwetlho di akaretsang go tlhoka matlo a boroko mo bangwe ba theogelang ba tswa kwa metseng ya Moroka le Jackalas No 1.
Mme Phindela a re seo se baka gore badiredi ba tlhoke go tsena mo tirong ka nako ka jaana le yone koloi ba sena yone mme ba ikaegile ka koloi e e rwalang balwetsi.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Ramokgwebana, Rre Phikisani Makgetho ene o ne a supa fa tlhaelo ya metsi kwa molelwaneng wa Ramokgwebana e sa jese diwelang.
Modiri wa lephata la botsogo le boitekanelo yo o direlang kwa molelwaneng wa Ramokgwebana, Rre Koketso Moupi o ne a tlhalosetsa tona fa boikarabelo jwa bone e le go gapa dithoto tsotlhe tse di sa tshwanelang go tsena mono mme morago ba di tshube ka molelo ka fa molaong kwa lefuting la matlakala la Masunga. A re bontsi ja dithoto tse di gapelwang batho ke dipilisi ka go farologana, ditlolo, dijo tse di sa kwalwang ditaelo dipe le tse dingwe.
Rre Isaac Mabuta go tswa mo lephateng la matlhoko a leruo ene o ne a kopa gore go nne le motshine o o tla thusang go tlhatlhoba dithoto, a re seo se ka boloka nako. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : RAMOKGWEBANA
Event : Puisano
Date : 01 Mar 2017






