Breaking News

Rabalemisi o rolela banana ba Tonota hutshe

01 Mar 2017

Rabalemisi wa kgaolo potlana ya Tonota, Rre Kebaabetswe Koti a re o leboga go menagane banana ba Tonota go bo ba tsweletse ka go supa kgatlhego e nametsang mo temong.

Rre Koti o ntshitse kakgolo eo bosheng fa a buisana le BOPA mo potsolotsong mme o tlhalositse fa e re le ntswa ikwadiso ya ditema tsa paka eno ya ngwaga di santse di tsweletse, ke banana ba le masome a marataro le borataro ba ba supileng kgatlhego mo temong.

O ne a tlatsa ka gore bone banana bao ba lemile ditema tse dintsi thata, ka jalo a tlhalosa fa go bo banana ba ba supa kgatlhego mo temong e le sesupo sa gore e le ruri ba lemoga fa temo e le yone konokono ya go ba thusa go itepatepanya le manokonoko a segompieno a letlhoko la ditiro le lehuma le le tseneletseng.

“Temo e botlhokwa fela thata mo matshelong a Batswana ka kakaretso ka jaana e na le seabe se segolo go ka hehosa go tlhama diphatlha tsa mebereko le gone go thusa lefatshe leno go ntsha dijo tse di lekaneng,” a bua jalo Rre Koti.

O bile a kgothatsa banana ka kakaretso go nna le maitemogelo a a kwa godimo go tsaya ka tlhwaafalo temo mme a re puso le yone e tsweletse ka go ema nokeng balemi ka mananeo a farologaneng ga mmogo le lenaneo la dithuso la madi a banana.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Koti a re dipula tse di tsweletseng ka go gosomana lefatshe ka bophara di ka nna tsa nna le kgonagalo ya go fokotsa selekanyo sa temo e neng ba e solofetse mo moleming mongwe le mongwe.

A re ka ntateng ya makgobokgobo a metsi a senyakang dijwalo, tsholofelo e nna ko tlase mme gape a re dipula tse di nnile le ditlamorago tsa go kgoreletsa balemi bangwe go lema mo kgaolong ya gagwe.

Rabalemisi o ile a kopa balemi ba go nna jalo go busetsa ditsompelo tsa temo di akaretsa dipeo gore di tle di somarelwe sentle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : TONOTA

Event : POTSOLOTSO

Date : 01 Mar 2017