Breaking News

Metsi a sediba ga a lekane

01 Mar 2017

Go tlhalosiwa fa metsi a sediba sa motse wa Kaudwane a sa tlhole a lekane go ka nosa morafe le leruo.

Mafoko a, a boletswe ke mokhanselara wa kgaolo ya Sorilatholo/Kaudwane, Rre Olebogile Katameto, fa a ne a akgela mo mafokong a ba a beilweng pele ke modulasetilo  wa khansele-potlana ya Letlhakeng, Rre Tlotlo Batlhophi kwa bokopanong jwa khansele bosheng.

Mokhanselara Katameto o tlhalositse fa dikgomo tsa motse wa Kaudwane di nosiwa kwa Sedibeng se se mo motseng, selo se a tlhalositseng se sa siamela leruo ka jaana le ka tsenwa ke bolwetse jwa mabele (measles), mme  e re fa ba le rekisa le seke le ba direle dipoelo.

O tlhalositse fa ba na le lefelo le ba le bonyeng le khansele e ka ba epelang sediba mo go lone se se nosang leruo.

Mo go tse dingwe mokhanselara Katameto o ne a tlhalosa fa sekole se sebotlana sa Kaudwane se sena motshine o o ntsifatsang dipampiri, selo se a tlhalosang se ketefaletsa barutabana tiro.

O ne a tlhalosa fa gape ba sena mmabanana kwa motseng oo, mme ba ne ba solofeditswe fa a tlaa goroga ka kgwedi ya Hirikgong monongwaga, a bo a kopa gore a tlhalosediwe gore o bokgakala bokae.

Mokhanselara yo o itlhophetsweng Rre Digobo Ramatlhaosa, o ne a tlhalosa fa mesele  ya  kgopho ya metsi kwa motseng wa Letlhakeng e sa siama, marogo one a katetswe ke mmu mme go sena sepe se se dirwang.

O tlhalositse fa batho ba ba agelang batlhoki matlo tiro ya bone e tsamaya sentle, a supa fa a lebogela tiro e ntle e ba e dirang.

Mo go tse dingwe mokhanselara o tlhalositse fa bana ba pasa kwa dikoleng tse dipotlana, mme fa ba tsena kwa dikoleng tse dikgolwane ba sa pase, selo se a reng se tsisa ketsaetsego gore seemo se se ka tswa se bakwa ke eng.

O tlhalositse fa a ntsha tshutiso ya gore bagolwane ba maphata botlhe ba ntshiwe mo kgaolong, gongwe ba ka bona maduo a a botoka.

O ne gape a ntsha matshwenyego a gore ba kompone ya metsi ya Water Utilities, ba fitlhetse go na le dipompo tsa morafe, mme ba fetile ba di tswala tsotlhe, se se baka gore batho ba latele metsi kgakala.

Mokhanselara wa Letlhakeng borwa Rre Opaletswe Mogolwane, o ne a tlhalosa gore fa e sale lenaneo la nyeletso lehuma le fudusediwa kwa ofising ya ga molaodi, dituelo di tokafetse fela thata, mme a supa ngongora ya gore ditlhwatlhwa tsa dipodi di santse di le kwa tlase.

Erile fa a araba matshwenyego a makhanselara, mogolwane go tswa kwa  khanseleng ya Letlhakeng Rre Keobakile Toto, a supa fa morafe wa Kaudwane o o nwa metsi mo Sedibeng se se nosang dikgomo sa khansele, a supa fa ba tshwanetse go sielwa metsi ke ba WUC.

Mmabanana wa Letlhakeng Mme Felicity Nyoni, o ne a supa fa mmabanana wa Kaudwane a tlaa theogela ka kgwedi ya Mopitlo monongwaga.

Mogolwane kwa lephateng la WUC kwa Letlhakeng Rre  Brian Letsatsi o ne a tlhalosa fa Batswana ba sa tshwanela go latela metsi kgakala, bogolo jang ba dipompo di leng gaufi le bone, a supa fa a tlaa latedisa kgang ya dipompo tse go tweng di tswetswe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya Khansele

Date : 01 Mar 2017