Breaking News

Men Sector e itshwaraganya le borre ba batlhoka pono

01 Mar 2017

Lekgotla la Men Sector mo Kgatleng le itlamile go tshwaragana le la Botswana Association for the Blind and Partially Sighted (BABPS) go ruta le go ema nokeng borre ba batlhoka pono mo dikgannyeng tse di ba amang tsa letsatsi le letsatsi le go fetisa melaetsa ya botlhokwa.

E rile a bua kwa thutopuisanong e e neng e tshwaraganetswe ke makgotla oo mabedi kwa Pudulogong Rehabilitation Development Trust for the Blind ka Matlhatso, modulasetilo wa Kgatleng Men Sector Rre Mmabaledi Dipheng a rotloetsa borre go tsaya karolo mo go tsa botsogo e le ditlhogo tsa malwapa.

Rre Dipheng o tlhalositse fa ba ikaelela go ama le go tsibogela dikgang tsa botsogo tse a kaileng fa borre ba saletse kwa morago mo go tsone segolo bogolo go itlhatlhobela mogare wa HIV/AIDS le malwetse a mangwe a dikobo a kaya fa seo se tshwenya fela thata.

O ne a tlhalosa fa puso e leka ka bojotlhe go isa ditlamelo kwa setshabeng a fa sekai ka condom e e kwadileng ka mokwalo o o faphegileng wa brail o o dirisiwang ke batlhoka pono e le tsela ya go leka go akaretsa le go tlamela batlhokapono a gatelela fa go le mo maruding a bone go ipabalela ka dinako tsotlhe fa ba tlhakanela dikobo go lwantsha kanamo ya HIV.

E rile a tswelela, a tlhalosa ka botlhokwa jwa go tsaya tsia dikgang tsa botsogo a rotloetsa borre bao go leka go fetisa molaetsa kwa go ba bangwe a tlatsa ka gore go dira jalo ke maikarabelo a a tlaa netefatsang gore re nna setshaba se se senang mogare wa HIV.

Rre Dipheng o ne gape a tlhatlhelela borre bao ka dithuto di akaretsa learo le le babalesegileng la borre (safe male circumcision) le a rotloeditseng borre go le dira ka le fokotsa kgonagalo ya go tsenwa le go fetisa mogare, diphatsa tsa go nna le bakapelo ba bantsi, go dirisa sekausu mo go babalesegileng, dikgang tsa tsholo ya bana, ga mmogo le tsa malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelo dikobo a a kaileng fa a golela pele.

Fa ba mo kgwa dikgaba borre bao ba ne ba supa fa ba amule go le gontsi  go tswa mo thuto puisanong eo mme ba lebogela condom le dibuka tse di kwadilweng ka mokwalo o ba o tlhaloganyang wa brail ba bo gape ba sa tshabe go botsa le go abelana dikitso selo se se neng se ba itumedisa.

E rile a tswa la gagwe, Rre Otsile Kgole yo e leng leloko la BABPS a kaya fa ba sale ba nyoretswe dithuto tse ba di amogetseng a bo a lebogela kgolagano ya Men Sector le BABPS.

Rre Kgole o ne a lela ka kgethololo e a kaileng fa e dirwa ke bangwe babega dikgang a re ba ikgatholosa dikgang tse di amang banalebogole gape ba le maoto a tshupa go bega dikgang tse di amang batlhokapono le banale bo-go-le ba bangwe a ra fa gongwe ba ba baya ka fa mosing fa ba bega dikgang tse di amang bona le bogole le batho ba ba senang bogole selo se a kaileng se sa ba jese diwelang.

O ne gape a gwetlha batlhoka pono le banalebogole ka kakaretso go itsaya tsia le go dirisa mananeo otlhe a ba a diretsweng go itshetsa le go ipelega ka one a re seo se ka tsholetsa seriti sa bone mo setshabeng.

Rre Kgole o ne gape a rotloetsa batlhokapono lefatshe lotlhe ka bophara go tsena mokgatlho wa Botswana Association for the Blind and Partially Sighted (BABPS) ka e le one o  emetseng dikeletso le dikgang tsotlhe tse di amang batlhoka pono a tlatsa ka gore mokgatlho o ga o tlhaole ka o ka tsenwa ke mongwe mongwe.

E ne e rile go le pele, mothusa moeteledipele wa BABPS mo Kgatleng Rre David Ramoleele a bula thuto puisanyo eo, a kaya fa e le banalebogole ba itemogetse fa dikgang ka bontsi di tlisiwa morago kwa go bone selo se a kaileng se sa ba jese diwelang e le bangwe ba banale bogole.

Le fa go ntse jalo, Rre Ramoleele o ne a gwetlha borre go tsaya letsatsi leo ka tlhwaafalo a re ba tshegeditse thuto ya letsasti leo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kesego Ngwai

Location : MOCHUDI

Event : Thutopuisano

Date : 01 Mar 2017