Breaking News

Baagi ba lebogela sekolo se segolwane

01 Mar 2017

Motse wa Takatokwane ke mongwe wa metse e e golang ka bofefo ka ditlhabololo di goroga mo go one ka mmetela.

Sengwe sa ditlhabololo tseo ke sekole se segolwane sa Mahupu se baagi ba supang fa ba sa bolo go se solofetswa go feta dingwaga tse di lesome tse di fetileng.

Baagi ba supile fa go nna teng ga sekole seo go tlaa fokoletsa bana ba bone mosepele ka jaana ba ntse ba tsena kgakala kwa Matsha kwa Kang.

Ba supile fa se se ne se ba baya ka fa mosing ka ba ne ba sa kgone go ya go tlhola bana ba bone.

Mongwe wa batsadi Mme Kealeboga Lekgowe o supile fa letlhoko la sekole se segolwane mo kgaolong ya bone le ne le sa ba jese diwelang ka sekole se segolwane sa Matsha se ne se amogela bana go simolola kwa Tsabong go ya go felela kwa Letlhakeng.

A re seemo se se ne se sa siamela bana ka go ne go le mosuke fela thata mme go tsisa dikgwetlho jaaka botlhokatsebe e bile le barutabana ba fekeediwa ke tiro.

Mogokgo wa sekole seo Rre Khan Masau o boletse fa ba solofetse go se neelwa semmuso ka se setse se fedile e bile se le mo maemong a mantle.

A re o lebogela go bo sekole seo se tsisitswe mo motseng wa Takatokwane ka e le one o o leng fa gare ga metse ya Kweneng Bophirima. Rre Masau o boletse  fa sekole se setse se amogetse bana ba le 1 557.

A re go bo sekole seo se kopantse go simolola ka mophato wa boraro go tsena ka wa botlhano go tlaa ba thusa go itse bokgoni jwa ngwana ka ba tlaa a bo ba ntse le ene nako e telele.

O boletse fa sekole sa gagwe se agetswe mabala a metshameko e e farologaneng ka go supagetse fa bana ba kgaolo ya Kweneng Bophirima ba na le bokgoni thata mo mabelong le mo metshamekong ka go farologana le gone mo ditirong tsa diatla jaaka botaki.

Mo go tsa thuto ba tsile ka ditselana di le mmalwa go lwantshana le maduo a a neng a tsweletse ka go wela tlase. Maiteko ao a akaretsa go tlhama mekgatlho e e letlang baithuti go thusana go bala, go leboga baithuti ba ba gaisitseng botlhe le go bitsa dialogane tsa pele go tla go bua le baithuti. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : LETLHAKENG

Event : POTSOLOTSO

Date : 01 Mar 2017