Monana o inamola lehuma ka dikoko
01 Mar 2017
E re ka Motswana a rile tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng, batsadi ba tshwanetse go leka ka gotlhe go segela bana ditema tse di ka tsogang di ba solegela molemo mo bokamosong jwa bone.
Mme Boipuso Otsile yo o tlholegang kwa motseng wa Dibete a re o simolotse go nna le kgatlhego mo leruong ka gotsaya malebela mo batsading ba gagwe.
Mme Otsile a re o simolotse fela ka go tshwaelwa kokwana mmea e agela hokonyana.
Mo potsolong le BOPA bosheng, o tlhalositse fa kokwana eo, a ne a e tlhokomela ka lorato la gagwe mo leruong mmeya felela e atile.
Le fa go ntse jalo,o boletse fa katlego eo e ne ya mo kgothatsa go
iteka lesego mo lenaneong le le thusang banana ka madi go tsweledisa dikgwebo fa a sena go utlwalela ka lone ka ngwagawa 2015.
A re kopo ya gagwe e ne ya atlega mme a thusiwa ka dikoko di le lesome le botlhano ga mmogo le ditsompelo tsotlhe tse di tlhokegang mo thuong ya dikoko.
O ne a tlhalosa gore morago ga go amogela dikoko, a ya sekoleng go ya go ithuta ka leruo kwa Rural Training Centre mo Mahalapye gore a tle a kgone go tlhokomela dikoko tsa gagwe sentle.
“Ka lesego la Modimo ke ne ka fenya dithuto tseo ka bo ka fiwa setlankana,”a tlhalosa. Mo nakong ya gompieno o supa fa dikoko tsa gagwe di tsweletse ka go ata fela thata. A re tlhokomelo e e kanakana e,e tswa mo dithutong tse a di amuleng ka nako ya ithutuntsho, a tlatsa ka gore o na le kitso e e kwa godimo ka dikoko.
O boletse gore fa dikoko di ntsifala o rekisa tse dingwe go ka itshetsa ga mmogo le go rekela tse dingwe dijo le melemo.
O kaile fa bareki ba gagwe e le ba lenaneo la nyeletso lehuma.
Mme Otsile o boletse fa dikgwetlho tse a kopanang le tsone di tshwana le tlhaelo ya lefatshe, go tlhoka tirisano ga bagwebi ba ba digela kwa tlase, le go tsaya lobaka go goroga ga melemo le dijo tse ba di kopileng.
O boletse fa katlego ya gagwe e tshegeditswe ke ofisi ya nyeletso lehuma ka ba bereka le ene ka dinako tsotlhe, a re ba mo fa dikgakololo le thuso epe fela e a ka tswang a e tlhoka, mme e bile a re o ba akgola fela thata.
Gape o ne a gwetlha ba ba maoto a tshupa go ikopela mananeo a puso go ka intsha mo lehumeng la nta ya tlhogo.
O ne a kgothatsa banana ba Dibete go tsaya mananeo a tsia go ka fetola matshelo a bone ga mmogo le go tlhamela ba bangwe ditiro.
Mme Otsile o rotloeditse bagwebi go sa letlelela dikgwetlho tse ba kopanang le tsone go nna mmaba mo dikgwebong tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ogomoditse Johannes
Location : DIBETE
Event : POTSOLOTSO
Date : 01 Mar 2017






