Breaking News

Mapodise a tlhotlhomisa loso lwa modisa

28 Feb 2017

Mapodisi a Bobonong a tlhotlhomisa tiragalo e go fitlhetsweng monna a tlhokafetse mo nageng kwa merakeng ya Lephokwe kwa Bobonong.

Se se builwe ke mogolwane wa mapodisi a e seng a seaparo kwa Bobonong Assistant Superintendent Sithali Phuthego mo potsolosong.

Rre Phuthego a re monna yo o tlhokafetseng yo o tlholega mo Bobonong e bile o ne a thapilwe e le modisa wa dikgomo kwa morakeng wa Lephokwe.

A re dipego di tlhalosa fa moswi a ne a nyelela kgwedi ya Tlhakole e le masome a mabedi le bobedi morago ga gore a bolole le dikgomo tse dingwe fa go duwa kwa mogotlheng.

Rre Phuthego a re mohiri wa moswi e rile go bona moswi a sa goroge mo lwapeng a tabogela mo Bobonong go begela ba sepodisi ka go nyelela ga mohiriwa wa gagwe.

A re mapodisi ba tshwaragane le setshaba ba ne ba bolotsa letsholo la go batla moswi mme a fitlhelwa mo nageng a tlhokafetse.

Rre Phuthego a re ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse go batla se se ka tswang se bakile leso la monna yo.

A re maina a moswi a sa ntse a lobilwe go fitlhela ba losika ba itsisiwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Pauline Mothudi

Location : BOBONONG

Event : POTSOLOTSO

Date : 28 Feb 2017