Kgosi o supa matshwenyego ka baithuti
28 Feb 2017
Kgosi Kaisara Phuthego wa motse wa Maboane mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, a re o tshwentswe ke maitsholo a baithuti ba motse wa gagwe ba ba tsenang kwa sekolong se segolwane sa Mahupu kwa Takatokwane, a re ke gangwe le gape a amogela dipego tsa botlhokatsebe ja bone.
E rile a bua mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke bogogi jwa sekole seo, Kgosi Phuthego o ne a kopa batsadi go godisetsa bana ba bone mo tumelong ka e le yone fela e e ka agang setho sa bone mme a kopa batsadi go emisa mokgwa wa go isa bana kwa sekoleng fela fa ba ya go dira mophato wa ntlha ebo e le gone jaaka ba odile lenao.
A re selo seo ke sone se busetsang thuto ya bana kwa morago ka jaana ngwana a ka se ntshe maduo fa go sena tshwaragano fa gare ga motsadi le morutabana.
O ne a rotloetsa batsadi go nna ba etela ko dikoleng go ya go lekodisana le barutabana gore maduo a bana a ka tokafadiwa jang.
Kgosi Phuthego o ne a tlhalosetsa batsadi fa ngwana yo o sa dirang sentle kwa sekoleng e tlaa felela e nna mokgweleo mo go bone ka o tlaa bo a sena se a ka itshetsang ka sone.
O ne a kopa batsadi go ema ka dinao gore bana ba bone ba nne le bokamoso jo bo itumedisang.
O ne a kopa batsadi ba motse wa gagwe go emisa mokgwa wa go tlogedisa bana dikole go ya go thusa kwa masimong le meraka ka jaana thuto ya ngwana e le botlhokwa.
E rile a ntsha la gagwe, mogokgo wa sekole seo Rre Masau o ne a supa matshwenyego ka mokgwa o batsadi ba sa tlhwaafalelang thuto ya bana ba bone ka teng, a supa fa batsadi ba bonala fela kwa sekoleng fa ba isitse dingongora tsa gore bana ga ba tsewe sentle.
A re matshwenyego a mangwe a ba nang le one e le botsamaisi ja sekole ke a batsadi ba ba romelang bana ba dingwaga tse di kwa tlase go ya go tsaya maduo a bana fa dikole di tswalwa, mme a re se se thatafaletse barutabana go buisanya sentle le bone ka mathata a bana.
O ba kopile gape go fokotsa go kopela bana ba bone dilo di tshwana le go ya manyalong le ditiro tse dingwe tse di sa ba tlhokeng ka jaana ngwana yo o kopiwang gantsi a felela a siiwa ke dithuto.
Rre Masau o boletse fa mo ngwageng o o fetileng bana ba motse wa Maboane ba dule mo sekoleng ba le lesome mme mo go bone ba le babedi ba dule ntateng ya boimana.
Rre Masau o ne a supa fa ene le bogogi jwa sekole sa gagwe ba tsere tshwetso ya go tsamaya le metse e bana ba yone ba amogelwang kwa sekoleng sa Mahupu go buisa diphuthego tsa batsadi ka jaana ba le maoto a tshupa go tla sekoleng.
E rile ba tswa la bone, batsadi ba motse oo ba ne ba solofetsa fa ba tlaa simolola go tsaya boikarabelo go tokafatsa thuto ya bana bone.
Ba supile fa ba lemogile fa ba ntse ba intshitse mo thutong ya bana ba bone mme ba rwesitse barutabana mokgweleo otlhe, mme ba supa fa jaanong e le nako ya gore ba fetole mokgwa oo mme ba simolole go tshwaraganela thuto ya bana ba bone le barutabana ka go nna ba etela kwa sekoleng go ya go tlhola gore bana ba dira jang.
Ba ne gape ba ntsha megopolo e le mmalwa ya gore go ka rarabololwa jang letswenyego la bana ba ba tshabang sekole le ba ba sa eng ko sekoleng ka nako fa dikole di bulwa.
Mongwe wa baagi Mme Keobaketse Phuthego o ne a ntsha mogopolo wa gore go dirwe komiti e e tlaa itebaganyang le go senka bana ba e tlaa reng dikole di bulwa ba bo ba ikganeletse kwa merakeng le masimo.
Ba re komiti eo e ka nna e bitsa bokopano jo bo faphegileng go bua le bana go ba lemotsha bodiphatsha jwa go tlhoka tsebe ga mmogo le go nna ba etela kwa sekoleng go ya go lekola tiro ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boago Gaoatswe
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 28 Feb 2017






