Breaking News

Mokhanselara wa pele wa BDP o bolokilwe

28 Feb 2017

Mokhanselara wa pele wa phathi e e busang ya Domkrag wa kgaolwana ya Mahalapye Legare, Rre Tsholofelo Segaise o bolokilwe kwa Mahalapye ka Matlhatso.

Go bolelwa fa Rre Segaise a ne a tlhagelwa ke bolwetse mme a tlhokafala Tlhakole a le lesome le boferabobedi kwa kokelong ya Princess Marina kwa Gaborone.

Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso, a re loso lwa ga Rre Segaise ga se tathegelo ya ba lelwapa la gagwe fela, a re banni ba Mahalapye le phathi ya BDP ba latlhegetswe.

Mme Tshireletso o boleletse bontsi jo bo neng bo thologetse phitlho eo fa Rre Segaise a tsene mo khanseleng ka ngwaga wa 1984 go fitlha ka 2004.

A re moswi ke mongwe wa mapolotiki a a kgonneng go gogela ditlhabololo kwa Mahalapye le go sireletsa phathi ya Domkrag mo ditlhophong dile mmalwa tsa setshaba.

Mme Tshireletso a re e re ntswa batho bangwe ba inaakanya le sepolotiki ka maikaelelo a go ikhumisa le go lwela maemo, Rre Segaise o ne a le kgatlhanong le ditshele e bile a rata phathi go feta sengwe le sengwe.

Dibui ka go farologana di akaraetsa Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefhe ba boletse fa moswi e ne e le motho yo o lorato. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : PHITLHO

Date : 28 Feb 2017