Breaking News

Dirisang maemo sentle-Moruti Motlhagodi

28 Feb 2017

Baeteledipele ba dikereke tsa semoya ba kopilwe go itse tiro le seabe sa bone mo dikereng go re ba kgone go dirisana sentle.

Mafoko a, a builwe ke moeteledipele wa lekgotla la dikereke tseo la Organisation of African Instituted Churches mo Botswana, Rre Tebogo Motlhagodi kwa bokopanong jwa bagolwane le baetedipele ba dikereke tsa semowa kwa Mahalapye ka mafelo a beke.

Rre Motlhagodi a re go le gantsi baeteledipele ga ba tshware dikereke tsa bone sentle ka go bo ba sa itse gore tiro ya bone ke eng le gore ba tshwanetse go dira jang.

A re fa gongwe o fitlhela moeteledipele kgotsa moruti a tsenelela mo tirong ya komiti kgolo ya kere mme seo se tlhakatlhakanye le go busets kereke kwa morago.

O ne a ba gakolola gore moruti o na le tiro ya gagwe mo kerekeng, komiti le yone e na le seabe sa yone.

Rre Motlhagodi a re bangwe ga ba itse fa ba leng teng mo dikerekeng tsa bone, mme nako e gorogile ya gore fa go tlhophiwa moeteledipele go bonwe gore go tlhophiwa motho yo o ntseng jang a na le boikarabelo, a tshephega mme e bile a eteleditse thomo ya Modimo kwa pele.

O ne a gakolola dikomiti gore le tsone fela jaaka baeteledipele, ba tshwanetse ba itse gore tiro ya bone ke eng le gore molao motheo wa kereke o salwa morago.

A re go le gantsi batho ba dirisa maikutlo a bone mo dikerekeng mme seo se busetse kereke kwa morago.

O ne a ba kgothatsa go tlotlana, go rerisana ba setse molao motheo wa kereke morago.

Rre Motlhagodi a re fa gongwe o fitlhela baeteledipele ba dikereke ba tshabega mme seo se paledise maloko go dirisana nabo sentle.

A re moeteledipele ke motho yo o ikentshitseng setlhabelo o tshwanetse go tshwara botlhe ka tekatekano, a nne le ponelo pele ya go isa kereke kwa pele.

Rre Motlhagodi o kgadile tshenyetso setshaba mo dikerekeng, a re moruti o kgona go tsenelela thata mo e bileng o fitlhela e le ene a tshwereng madi a kereke ntswa go na le beng ba tiro eo.

A re selo se, ga se a siama ka se kgona go felela se tlisitse makgamu mo dikerekeng, mme se se busetse dikereke tsa bone kwa morago.

Rre Motlhagodi a re go emisiwe mokgwa wa go lwela maemo mme go nne le tlhompho, lorato le mowa wa neelano go isa dikereke kwa pele.

O ne a ba kgothatsa go tsaya malebela mo go ba bangwe, ba etelane mo dikerekeng, go bona gore ba ka ipaakanya jang.

A re nako e tsile gore thero ya bone e nne e e sidilang maikutlo, e e fodisang ka jalo ba tshwanetse go itshekatsheka mme ba remeletse mo go rereng lefoko la Modimo.


Rre Motlhagodi a re e re le ntswa go na le baruti ba ba fodisang mo dikerekeng, bontsi bo fetogetse go thusetsa kwa kerekeng mme ba direle jalo kwa malwapeng a bone, selo se a a reng ga a sa siama.

A re fa ba abelana maemo, ba ele tlhoko dikgang tsa bong, a tlhalosa fa bomme ba santse ba saletse kwa morago mo dikerekeng ntswa puso e leka ka gotlhe go bona gore bomme ba nne le maemo mo setshabeng.

Fa a ruta ka tiriso ya maranyane Moruti Meshack Mangadi wa kereke ya Heavely Garrison a tlhalositse fa nako e gorogile gore dikereke jaanong di itse bomosola jwa maranyane.

A re metlha ga se ya maloba, mme le bone e le ba dikereke tsa semowa ba tshwanetse go dirisa maranyane go gasa efangedi le go buisana.

A re ga go thona gore le bone ba tsene mo dinakong, ba tshele mo dinakong tsa segompieno gore ba tlhabologe e bile ba gole ka dikereke tseo di na le barutegi.

Moruti Mangadi a re tiriso ya maranyane e ka dira gore lentswe la bone le utlwale e bile ba itsege mo setshabeng, a re o fitlhela baeteledipele ba dikereke tsa semowa ele batho ba ba thusang mme go itse fela maloko a dikereke tsa bone.

Rre Magadi o ne a gakolola batsena phuthego gore ba tshwanetse go itlwaetsa go neela mo kerekeng, a re ga gona sepe se se ka diragalang go nale letlhoko la madi a re Modimo o segofatsa thata letsogo le le abang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : MAHALAPYE

Event : BOKOPANO

Date : 28 Feb 2017