Kwadiso ya ditsha e a tswelela
28 Feb 2017
Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Tati, Rre Kgotlaetsho Morakanyane o boletse fa malatsi a kwadiso ya ditsha a okeditswe.
A re puso e tsere tshwetso ya go oketsa malatsi a ikwadiso go fitlha kgwedi ya Seetebosigo e tlhola masome a mararo monongwaga.
Rre Morakanyane o tlhalositse seo mo phuthegong e e tsweletseng ya khansele kwa Masunga, a re go atolosa malatsi moo go tla thusa setshaba mmogo le makgotla a kabo ditsha go kwadisa ditsha tsotlhe jaaka go solofetswe.
A re ka ntlha ya ketsaetsego le go sa tlhaloganya mo go tseneletseng ga setshaba ka thulaganyo eo ya kwadiso ya ditsha, go supagetse fa bontsi jwa ditsha di sa kwadisiwa, bogolo jang go lebeletswe tsa masimo.
Rre Morakanyane o tsweletse a tshepisa makhanselara fa lekgotla la gagwe le tla tsaya matsapa a go etela metse yotlhe ya kgaolo mo letsholong la ikwadiso ya ditsha.
A re ka jalo, mongwe le mongwe o tlamega go kwadisa setsha sengwe le sengwe se a nang le sone mo lefatsheng leno.
Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba ba ne ba lebogela tshwetso eo ya puso ya go atolosa nako ya kwadiso ya ditsha, le bone fela jalo ba tlhalosa fa bontsi jwa batho ba ne ba sa tlhaloganye fa ikwadiso eo e akaretsa le ditsha tsa masimo tota.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Themashanga, Rre Kudzani Tobokwani o ne a tswa ka mogopolo wa gore ba rulaganyediwe thuto seka dipuisanyo le ba lekgotla la kabo ditsha la Tati go ba fa sebaka sa go buisana le go abelana megopolo gammogo le go tlhaloganya dikgang tse di amanang le kabo ya lefatshe mo kgaolong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya khansele
Date : 28 Feb 2017






