Dipopolere di kgabisa Mogobane
27 Feb 2017
Dipopolere ke ditlhare tse di fitlhelwang ka bontsi mo mafelong a a farologanyeng mo Mogobane, mme bontsi jwa tsone di tlhokometswe ke komiti ya ditlhabololo.
Go le gantsi banni ba motse, baeng ga mmogo le bafeti ka tsela ba rata go iketla mo meriting ya tsone e e tsiditsana ka gore di fitlhelwa mo thoko ga melapo e e raletseng motse.
Mo boemong jwa modulasetilo wa komoti ya dilhabololo, Mme Johanna Marope o supile ngongorego o supile fa tirisano mmogo mo morafeng e tlhaela mabapi le tiriso ya mafelo a dipopolere a go itlhabisiwang phefo.
A re barati le badirisi bangwe ba mafelo a, ba a kaileng fa ba sa sale tsamaiso e e beilweng morago, ka gore ga ba batle go duelela tiriso ya mafelo a, fa ba bangwe bone ba senyaka dithoto tse ba di fitlhelang mo mafelong a, jaaka go senya matshwao a a kayang botlhokomedi jwa mafelo le a dikitsiso.
Fa a bua mo potsolotsong, Mme Marope o kaile fa mafelo a a dirisiwa ke batho ba bantsi bogolo jang ka dinako tsa manyalo, ipelelo matsalo le maitiso ka go farologana.
Mme Marope o tlhalositse gore se se ba ngongorang le go feta ke gore morago ga mekete batho ga ba phepafatse, go bo go senya bontle jwa mafelo.
Mme Marope o supile fa dilhwatlhwa tsa go dirisa mafelo a e se tse di kalokalo.
Mme Marope o kaile fa ditlhare tse di sa le di lemilwe ke mabutswapele a motse, maikaelelo e le go dira ditlhokwa tsa molelo mme e rile ka 1995 maikaelelo ao a fetolwa mme ga dumalanwa gore di dirisediwe bojanala go tsenya madi mo letloleng la motse.
O kaile fa ditlhare tse di nna fela di talafetse mo nakong e ntsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : GalaletsangLetshoo
Location : MOGOBANE
Event : Potsolotso
Date : 27 Feb 2017






