Ba Nhabe ba tlhasetswe ke lethobo
27 Feb 2017
E re ntswa monongwaga o monamagadi, go bolelwa fa pula e tsile ka lethobo le le tsentseng tsebetsebe mo leruong la kgaolo ya Nhabe.
Kgosi Kenatje Kandapaera wa Toteng o boleletse BOPA mo potsolotsong fa jaanong e sa ne e komakoma ka ba tlhasetswe ke ntsi e e nwang leruo madi.
Kgosi Kandapera o tlhalositse fa ntsi eo e tshetlha ka mmala, e tlhasela leruo le tshwana le dikgomo, dipodi le ditonki. A re ba tshelela mo letshogong ka jaana ntsi eo e setse e dira gore leruo le ganele mo ditseleng, selo se a reng se diphatsa ka se ka baka dikotsi.
“Mafelo a beke e e fetileng ke ne ka lekola kgaolo, mme ke lemogile fa lethobo le le lentsi thata mo tikologong ya Lecha la Ngami le meraka ya Phatane,” ga tlhalosa kgosi.
A re go kile ga nna le leroborobo la lethobo mo kgaolong le le neng la bolaya leruo ka bontsi, segolo bogolo dikgomo ka 1974. Kgosi a re ba nna fela ba tshwere dipelo ba akanya gore fa seemo se ka ipoeletsa ka e bile pula e nele e le ntsi, ba tlaa sala mo legoeleleng.
“Fa pula e le ntsi kana metsi a le mantsi mo lefatsheng go baka gore lethobo le nne lentsi, ke lemogile lethobo kwa morakeng wa me Tlhakole a rogwa”, ga bua kgosi.
O kopa ba matlhoko a leruo go tsibogela seemo seo se ise se tswe mo taolong ka ba tshogile gore ntsi eo e tlaa ba dira bahumanegi ka e ka bolaya leruo le ba ikaegileng ka lone.
Morui wa moraka wa Mogapelwa, Rre John Tjiriange o gateletse fa ba le mo mathateng a ntsi eo, a re ba setse ba emisitse le gone go gama, seemo se a reng se ngomola pelo ka ba bolawa ke tlala. Rre Tjiriange a re ntsi eo e amile dinku, dikgomo le dintsa.
“Lethobo le nwa madi a diphologolo tsotlhe le tsone tsa naga tota, re mo letshogong la gore fa pula e ka tswelela ka go gosomana re ya go latlhegelwa ke leruo le lentsi,” ga bua Rre Tjiriange.
Rre Tjiriange a re dikgomo di setse di tletse le naga di siasia fela di sa fule di tshaba lethobo. A re gape di kgona go siela kgakala le gone kwa magodung tota, selo se a reng se ya go oketsa bogodu jwa leruo jo le jone bo gomagometsang go nyeletsa leruo mo kgaolong ya Nhabe.
A re go sasankega ga leruo mo gape go ka anamisa malwetse a tshwana le tlhako le molomo.
“Lethobo ga le lentsi kwa metlhabeng jaaka kwa dipolaseng tsa Hainaveld, lone le rata thata fa metsi a leng mantsi teng, kana metsi a mothaba one le fa pula e nele thata a kgala ka bofefo,” ga tlhalosa Rre Tjiriange.
O tlhalositse fa mahura a tshwana le a a dirwang ka mashi a dikgomo a a bidiwang Ngondivi ka teme ya Seherero a ka dirisiwa go lwantsha ntsi eo ka go tshasiwa mo mmeleng wa seruiwa.
A re ntsi eo e kgona gape go loma batho, mme o ne a kopa barui go kopa dikgakololo mo go ba lephata la matlhoko a leruo fa ba batla go dirisa mothale ope fela go lwantsa ntsi eo. A re ba ba batlang go fudusa leruo la bone go siela kwa merakeng e go se nang ntsi eo, ba ka ya go kopa teseletso mo bakenting ba dikgaolo tsa bone.
“Re ka kgona go lwantsha ntsi e fa go na le tirisano mmogo le ba matlhoko a leruo ba bone ba ka re fang dikgakololo le go re thusa ka melemo e e ka bolayang ntsi e,” ga bua Rre Tjiriange.
Leroborobo le la lethobo go ya ka barui, le phutlhamisitse le one mananeo a puso a nyeletso lehuma ka le ganyaotse dipodi tse bontsi bo neng bo solofela fa le bone ba tlaa tsoga ba ora wa mariga ka tsone ka e bile puso le yone e rotloetsa mananeo a tshwana le a dipodi ka go reka ka tlhwatlhwa e e nametsang.
Lethobo ke ntsi e e malomo a botlhoko. E tshela ka go nwa madi a ditshidi. Ka popego, e tshwana le ntsi e e tlwaelesegileng ya mo matlong mme yone e mmala o mosetlhana ka bontshonyana mo dimpeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Uzeuavi Mbaeva
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 27 Feb 2017






