Breaking News

Diteseletso tsa go dirisa ditsa tlholego di mosola

27 Feb 2017

Molomaganya ditirelo tsa lephata la tshomarelo dikgwa le matlotlo a tlholego kwa kgaolong ya Bokone Bophirima, Rre Peter Olekantse a re go botlhokwa go tsaya diteseletso tsa go dirisa ditsatlholego ka go ka thusa Batswana go nna ka mowa wa tshomarelo le boikarabelo.

Fa a bua le BOPA botsheng,Rre Olekantse o tlhalositse fa mongwe le mongwe yo o tsayang diteseletso tsa go dirisa ditsatlholego kwa lephateng la bone a fiwa dithuto le dikgakololo pele a e fiwa selo se a reng se dira gore badirisi ba ditsatlholego ba nne le boikarabelo gore dikokomane di fitlhele ditsatlholego tseo di le teng.

A re diteseletso tseo tse di tswang kgakala di dirisiwa gape di thusa ba lephata la bone gore ba tseye ditshwetso tse di maleba le paakanyo molao, ka ba na le bosupi jwa gore ke bo mang ba ba dirisang ditsa tlholego dife.

Rre Olekantse a re tiriso ya ditsatlholego di tshwana le Tswii, dikgong le bojang magareng ga tsone e oketsegile fela thata ka jaana batho ba dira dikgwebo ka tsone, a tlatsa ka gore diteseletso tseo di diretswe gore

Batswana ba kgone go somarela ditsa tlholego e seng go kgokgontsha ope jaaka bontsi bo akanya. “Maikaelelo a lephata la rona ke go somarela ditsatlholego le go bona gore a mme di dirisiwa ka boikarabelo gore di tswele

Batswana mosola, re batla gore Batswana ba tswelele ka go itshetsa ka ditsatlholego mme ba kgona seo fela ka go tsaya dikgakolo le diteseletso kwa lephateng la rona,” ga bua Rre Olekantse.

O kaile fa lephata la bone le sena maikaelelo ape a go gatelela ope, a tswelela a re ba ba sa tlhaloganyeng ka ditseseletso tse ba ka tla kwa diofising tsa bone go tla go tlhalosetswa ka tsone.

‘Re dirisa methale e mentsi go gasa ka ditseletso tseo jaaka seromamowa dipampiri tsa dikgang le gone go tsamaya mo dikgotleng tse di farologaneng.Dikgoro tsa diofisi tsa rona di buletswe mongwe le mongwe yo o sa tlhaloganyeng ka ditseseletso tsa go dirisa ditsatlholego’, ga bua Rre Olekantse.

O kopile Batswana ba ba sa ntseng ba sa itse ka diteseletso tseo go inaakanya le dikomiti mo metseng e e farologaneng tse di rutang ka ditsatlholego, a re dikomiti tseo tse di rotloetsang Batswana go somarela ditsatlholego, di mosola thata ka di atumeditse ditlamelo kwa bathong, batho ga ba sa tlhole ba tsamaya sekgala se se leele go ya go batla dithuso ka ditsatlholego.

Re tswa kgakala re na le dikomiti tseo mo metseng, ga ke dumele gore go setse go na le bangwe ba ba sa ntseng ba sa itse sepe ka ditsatlholego, ga bua Rre Olekantse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Uzeuavi Mbaeva

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 27 Feb 2017