Breaking News

Puo ngwao boswa jwa rona

27 Feb 2017

Puo e kailwe e le nngwe ya ditso tse di ka dirisiwang go tsholetsa ngwao ya Batswana ka e dirisiwa mo matshelong a rona letsatsi le letsatsi.

Seo se boletswe ke mogolwane wa letlotlo la ditso la Phuthadikobo Rre Vincent Rapoo ka Labobedi ko motseng wa Kgomodiatshaba mo moletlong wa mafatshefatshe wa go ipelela dipuo ka go farologana, ka setlhogo se se reng “letsatsi la mafatshefatshe la teme ya ga Mme”.

A re go itsetsepela ka puo ya ga mme go ka tsosolosa ngwao mo lefatsheng ka batho ba ka felela ba itse ka ditso tsa kwa ba tswang teng.

Rre Rapoo o ne a tswelela a tlhalosa fa puo e le yone e godisang ngwana mme fa bagolo ba ka ba ruta ka ditso tsa bone ba sale bannye ba ka gola ba ikitse mme ba fetisetse ko go ba bangwe gore ngwao e seka ya felela e nyelela.

A re puo ke yone e ka kopanyang merafe fa ba ka tswelela ba ntse ba e tshegeditse mo merafeng ya bone, o ne a tlatsa ka gore fa ditso, matlotlo a ngwao le dipuo tse di farologaneng mo motseng wa  Kgomodiatshaba e ka nna tsone di kopanyang motse wa bone, ba ka di tsosolosa go godisa ngwao ya bone.

Rre Rapoo o rotloeditse banana ba Kgomodiatshaba go tsweledisa bodiragatsi jo bo farologaneng mo kgaolwaneng ya bone ka tsone diteme tsa mo motseng wa bone gore batho ba tle ba kgone go itse ka motse wa bone.

Fa a kgwa Rre Rapoo kgaba, mothusa molaodi Mme Lidya Keatlholetswe o ne a tlhalosa fa puo e le yone e konetelelang ditlhabololo tsa sennela ruri ka e buiwa letsatsi le letsatsi mme e bile e rutwa bana ba sale bannye gore ba kgone go ipuelela.

O kgothaditse banni ba Kgomodiatshaba go bua diteme tsa bone gongwe le gongwe ko ba teng gore ba godise ngwao ya bone e seng ya batho ba bangwe.

Mme Keatlholetswe o boletse fa Baebele e bua gore botshelo le leso di mo malemeng a rona ka jalo Modimo a utlwa puo nngwe le nngwe fela mme jalo batho ba ka dirisa puo ya bone nako nngwe le nngwe le fa ba rapela.

A re ka ngwaga wa 2000 lekgotla la UNESCO le ne la netefatsa letsatsi le, go tshwarwa ngwaga le ngwaga go ipelelwa puo mo dikgaolong ka go farologana a tlatsa ka gore  puo e  botlhokwa ka e sa fiwe mme e ithutiwa ke motho ka jalo batho ba ka ithuta dipuo tse di farologaneng go tlhaloganya dipuo tsa batho ba bangwe.

Fa a tswa la gagwe mongwe mogolo  wa motse Rre Keitseng Keitseng  a re motse wa Kgomodiatshaba o simolotse ka malwapa fela a le mane mo motseng. O tlhalositse fa kgotla ya bone e ne e le fa sekole se leng teng mo nakong ya gompieno mme go itlhophetswe Rre Keitseng Kgakole go nna kgosi ya bone.

Rre Keitseng a re go ne go sena le fa e le lebenkele le le lengwe mo motseng wa bone mme go na le ntlwana e e neng e le yone ba rekang mo go yone a supa fa motsana wa bone o ile wa oketsega ka ngwaga wa 1982 go tswa mo malwapeng a mane go ya go a supa ka goromente a ne a simolola go baya ditsha.

Modulasetilo  wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Boikhutso Raditshephe o ne a gakolola banana go ithuta go dumela, a tlhalosa fa bangwe ba banana ba na le mokgwa wa go tlhoka go supa tlotlo epe mo botsading fa ba ba dumedisa.

O kopile botsadi go ruta bana ba bone ka madume le gore tsela e e siameng go dumedisa ke efe a tlatsa ka gore banana ba na le go tlhaeletsa bagolo madume mo a bonang go sa nna sentle.

Rre Raditshepe o tlhalositse fa ba tshwanetse go buisana sentle le ba bangwe ba sa dirise mafoko a a kgopisang, a supa fa bangwe ba banana ba rata go tshameka ka mafoko a a kgopisang mo go sa siamelang ba bangwe.

E ne ya re a ba kgothatsa moopedi wa mo gae Rre Shumba Ratshega a rotloetsa banana ba motse wa Khurutshe le Kgomodiatshaba go tlotla kapari ya mmino wa setso, a re seo ka bonosi se supa fa motho a tlotla ngwao le segabone.

O ne a ba kgothatsa go itsetsepela ka se ba ratang go se dira ka batho ba sa abelwa ka go tshwana mo Modimong . BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Miranda Mapotsane

Location : KGOMODIATSHABA

Event : Moletlo wa Mafatshefatshe wa Puo

Date : 27 Feb 2017