Kgositamma o tshela le diphologolo
27 Feb 2017
Rre Kebiditswe Kgositamma wa kgotla ya Riverside kwa Maun yo o dingwaga tse di masome a matlhano le bosupa o agile lelwapa la gagwe mo letshitshing la noka ya Thamalakane a re go nna mo letshitshing la noka ga se kgwetlho mo go ene jaaka mongwe a ka akanya.
Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng, Rre Kgositamma a re e re ka a le wa letso la Sekgalagadi o goletse mo ditlhaketlhakeng tsa dinoka tsa Okavango kwa Shakawe kwa a tlholegang teng mme o goletse mo diphologolong ka jalo seo se sa mo tshwenye ka e le tlholego ya gagwe.
Rre Kgositamma o tlhalositse fa a kopanetse bonno le diphologolo di tshwana le dikubu, dikwena le dinoga di tshwana le tlhware le mekwepa tse di nnang mo nokeng e. A re diphologolo di tshwana le dikubu di kgona go tswa mo metsing di fula fa pele ga lelwapa la gagwe mme tse dingwe di felelela di tla gaufi le ntlo ya gagwe ka a sa agelela ka terata e kitlaneng.
“Fa gogwe dikubu le dikwena di ikhutsa mo meriting e e mo lelwapeng la me mme fa ke sa di rumole ga di kake tsa nna bogale tsa ntshosetsa matshelo, ke faapaana le tsone fela jaaka ke faapana le batho,” ga bua Kgositamma.
Kgositamma a re e re ka lephata la diphologolo le makagabisa naga le rotloetsa batho go tshela le diphologolo ke sengwe se se mo rotloetsang go nna ka kagiso le diphologolo tse a sa di lwantshe ka di tlisa bajanala mo lefatsheng leno.
A re faesale a nna mo lelwapeng la gagwe ga gona sepe se a se senyeditsweng ke diphologolo tse mme o senyediwa fela ke batho ba ba mo thubelang ntlo fa a dule ba mo utswela.
O tsweletse a supa fa go nna mo letshitshing la noka e e nnang e elela e, go le monate fela ka mo dipakeng tsa selemo fa go le mogote o nna mo botsididing jwa phefo e e fokang e tswa mo metsing. O ne a supa fa a ikaegile ka noka e ka a tshwara ditlhapi le go bapala tswii mo go yone.
“Fa ke batla seshabo ke tsena mo nokeng ke tshwara ditlhapi, ga ke patelesege go tsamaya sekgala se se telele go di bona, ke di bapisitse fela fa,” ga bua Kgositamma.
O tlhalositse fa go reetsa melodi ya dinonnyane go diga maikutlo ka ebile go sena medumo e e kalo ya dikoloi le metsamao ya batho e mentsi.
O supile fa go na le tlhaelo ya metsi mo motseng wa Maun mme seo se sa mo tshwenye ka a ga metsi mo nokeng a bo a a bedisa go ka nowa le go dira ditiro tse dingwe tsa mo lwapeng.
A re tshingwana ya gagwe ya merogo e nna e le tala mo marigeng ka a tsaya metsi mo nokeng go e nosetsa.
O kaile fa mo selemong fa dipula di na, a lema mmidi le ntshe ka mmu o o ka fa thoko ga noka o nonne mme o siametse dijalo fela thata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Matshelo Billy
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 27 Feb 2017






