Breaking News

Bophokoje ba jesetsa barui mo kgobedung

26 Feb 2017

Barui ba moraka wa Kgonama mo kgaolong ya Ghanzi ba supile fa ba tshwenngwa ke bophokoje ka ba aja dipodi tsa bone.

Barui ba tlhalositse se mo thuto-puisanyong e e neng e tshwerwe ke ba mokgatlho wa Cheetah Conservation Botswana bosheng.

Barui ba tlhalositse fa mo dibataneng tse di mo morakeng oo, tse di akaretsang matotse, thwane le tse dingwe, phokoje e le ene fela yo o sa ba jeseng diwelang.

Mongwe wa barui ba Kgonama, Rre Charles Makwesa o tlhalositse fa dipodi tsa gagwe di nna fela di jelwa dipotsane ke bophokoje.

O ne a supa fa ba sa kgone go laola bophokoje ka jaana ba sena dintsa.

Rre Boammaaruri Bammake go tswa lephateng la diphologolo o ne a rotloetsa barui go tswa ka mananeo a a amogelesegang go laola bophokoje.

O ne a tlhagisa barui fa tiriso ya chefi le selaga e se ka fa molaong ka puso e lemogile gore di bolaya gotlhe le diphologolo tse di sa amegeng.

Rre Bammake o ne a tlhalosetsa barui fa go disa e le one mothale o o siameng go ka laola tshenyo e e dirwang ke bophokoje.

O rotloeditse barui go ikuela kwa lephatleng la diphologolo.

E rile a ba kgwa dikgaba, Rre Mbinda Balekanye go tswa Cheetah Conservation Botswana o ne a ba rolela mananeo a ba nang le one, gore ba a dirise go laola tshenyo ya bophokoje.  

O ne a tlhalosetsa barui fa ba na le lenaneo la dintsa tse di katiseditsweng go disa.

O rotloeditse barui go tsenya kopo kwa Cheetah Conservation Botswana gore ba fiwe dintsa, a supa fa dintsa tseo ba sa di rekise.

Rre Balekanye o ne a rotloetsa barui go tshwaragana ka setshwarwa ke ntsa pedi se se thata.

Barui ba ne ba amogela lenaneo la dintsa ka boitumelo ka ba dumela le tlaa ba solegela molemo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebame Diteko

Location : GHANZI

Event : POTSOLOTSO

Date : 26 Feb 2017