Breaking News

Maranyane a thusitse mo-na-le bogole

26 Feb 2017

Maranyane a Facebook a thusitse Rre Edwin Phalane yo o tshelang ka bogole go bona thuso ya didirisiwa tsa go tlhatswa dikoloi tse a di kopileng mo go bangwe badirisi ba maranyane ao.

Fa bontsi jwa batho ba dirisa Facebook go intsha bodutu le go kwalelana melaetsa ya marato, Rre Phalane ene o e dirisa go ipapatsa le go kopa dithuso.

Rre Phalane, wa dingwaga tse di masome mararo le boferabobedi yo o tshelang ka bogole, a re o itumela Facebook ka a lemogile fa le ene a ka nna mongwe motho mo setshabeng ka maranyane ao.

O supa fa Facebook e kgona go isa lentswe la gagwe kwa a ka se kakeng a goroga teng ka o dirisa kolotsana.

Rre Phalane, yo o abetsweng didirisiwa tsa go tlhatswa dikoloi, a re nako e tsile ya gore le bone ba-na-le bogole ba ka huma fa ba ka dirisa sebaka sengwe le sengwe se ba se bonang jaaka Facebook le Whatsapp.

O supa fa thuso ya didirisiwa tsa go tlhatswa dikoloi e tlaa godisa kgwebo ya gagwe le gore o tlaa kgona go itirela go na le gore a lebe mo pusong.

Rre Phalane a re o ntse a kgona go  itshetsa ka semausu se a se abetsweng ke Debswana ka 2009, a supa fa a kgonne go hirisa semausu seo  gore se mo tsenyetse madi.

O supa fa ka madi a semausu a kgonne gore a bule kgwebo ya go tlhatswa dikoloi, selo se a supileng se mo thusitse ka gore le one madirelo a go tlhatswa dikoloi o feletse a a hirisetsa mongwe.

Rre Phalane a re ditoro tsa gagwe ke go ipona e le mohumi wa dinaane gore a kgone go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

“Ka jaanong ke bonye didirisiwa tsa go tlhatswa dikoloi, ke ya go simolola go itsamaisetsa kgwebo ya me go na le go e hirisa” ga bua Phalane.

Fa a ntsha la gagwe, Rre John Keoagile a re o kopane le Rre Phalane mo Facebook, a supa fa a tlhoka thuso ya didirisiwa tsa go tlhatswa dikoloi e bile a supa fa e le mo-na-le bogole, ka jalo a bona go le maleba gore a mo tswe thuso.

Rre Keoagile, yo o thusitseng Phalane ka didirisiwa tsa go tlhatswa dikoloi, a re o ne a itsese ditsala dingwe tsa gagwe mo Facebook ka kgang ya ga Rre Phalane mme a dumalana le bone go simolola go koleka ka Phalane P100 kgwedi le kgwedi.

“E rile ke bona gore madi a nna mantsi ka bula bula letlole go boloka madi ao mo go lone go itsa gore re a dirise,” ga bua RreKeoagile.

Rre Keoagile o supa fa e rile ba bona gore ba kgonne go kokoanya madi a a kana ka P5 400 ba reka didirisiwa tsa ga Rre Phalane, a supa fa ba rekile motshine o o tlhatswang le o o omisang ka P2 100.

Mo mading ao, Rre Phalane o ne a neelwa P1 500 go reka melora e e tlaa dirisiwang mo madirelong a gagwe ga mmogo le P500 go ithekela dijo tsa keresemose, ka jalo a re madi a a setseng ba tlaa kgona go rekela Rre Phalane sengwe se a ka tswang a se tlhoka mo isagong.

Rre Keoagile o leboga Mme Monosi Kraai yo o kgonneng go mo thusa mo go kokoanyeng madi a ga Rre Phalane, a supa fa Mme Kraai a kgonne go ntsha madi ka pelo yotlhe le ntswa e le mosadi yo o nyetsweng, a tlhalosa fa bontsi jwa bomme ba ba nyetsweng go le thata mo go bone go dira jalo.

O supa fa a tlaa tswelela ka go kokoanya madi go thusa bangwe ba ba tshwanang le Rre Phalane go ralala Botswana.

Rre Keoagile o kopile RrePhalane go tlhokomela didirisiwa tseo le go godisa kgwebo ya gagwe gore a kgone go itshetlela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keswetseng Samokunda

Location : MAUN

Event : POTSOLOTSO

Date : 26 Feb 2017