Tshireletso o abela bagodi dikobo
12 Jun 2013
Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo matshelo, Mme Botlogile Tshireletso, o abetse bagodi dikobo mo metseng ya kgaolo ya gagwe ya botlhopi ya Mahalapye Botlhaba.
Fa a buisa diphuthego kwa metseng ya Makwate, Kudumatse, Mokoswane le Setsile mo bosheng, Mme Tshireletso o ne a tlhalosa fa a rata bagolo thata gonne ke bone ba ba godisitseng setshaba, a tlatsa ka gore mme bangwe ba bone ga ba na ba ba ka ba thusang gore ba bone tlhokomelo e e lolameng.
Mme Tshireletso o ne a aba dikobo di le boferabobedi motse mongwe le mongwe. O ne a tlhalosetsa morafe gore go botlhokwa fela thata go tlhokomela bagodi, a re bangwe ba bone ga ba tshele sentle.
Mme Tshireletso o ne a lekodisa banni ba metse eo ka lenaneo la kabo ditsha la temo e e kopaneng, gore ba nne le dipoelo tse di botoka.
O ne gape a tlhalosetsa morafe ka lenaneo la temo la ISPAAD, ga mmogo le le le rotloetsang Batswana go aga matlo a a tlaa dirisiwang ke bodirelapuso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Chikumbudzi
Location : MAHALAPYE
Event : Diphuthego tsa kgotla
Date : 12 Jun 2013






