Galaletsang Re a Nyalana - Maele
23 Feb 2017
Lenaneo la Re a Nyalana le botlhokwa mo Batswaneng ba ba nang le keletso ya nyalo mme ba se na ditlamelo tsa go nyala.
Tona wa tsamaiso lefatshe, metsi le kgopho ya metsi a a leswe, Rre Prince Maele a re o ne a bua jalo kwa Maape kwa ba mokgatlho wa Re a nyalana ba neng ba nyadisa manyalo a le masome a mane le boraro a batho ba ba neng ba nna mmogo ba sa nyalana go tswa mo dikgaolong tse di farologanyeng tsa Tswapong.
Tona Maele a re lenaneo le ga le a tshwanelwa go nyadiwa, fa e se go galalediwa le go tlotlwa.
A re le fa bangwe ba e tsaya lolea, Re a nyalana a thusitse batho ba le bantsi.
A re batho ba le bantsi ba ba tshelang mmogo ba sa nyalana ba iphitlhela ba le mo mathateng a mantsi, bogolo jang fa bakapelo ba tlhokafala.
A re bangwe ba amogwa ditshwanelo le dithoto tse ba di bereketseng ka thata ke ba masika.
A re bangwe ba batsadi ga ba na dithata tse di rotloediwang ke molao fa go tla mo go tlhokomeleng bana.
Tona Maele a re lenyalo la Re a nyalana le tlaa tlhofofaletsa ba le bantsi botshelo.
A re botlhokwa jwa Re a nyalana ke go fokoletsa batho dikoloto tsa lenyalo fa mo letlhakoreng le lengwe le ba neetse seriti.
O ne a kgothatsa banana go inaakanya le lenaneo le a re le fa ba sena madi a nyalo, le bonolo go dirwa ka le sa batlane le go adima madi a dijo le tse dingwe tse di ka dirisiwang mo moketeng wa lenyalo.
Tona Maele o kgothaditse banyadi gore ba tshwanetse go emelelana le diemo tsotlhe mo nyalong.
A re go na le dilo tse di ka nonotshang kana tsa koafatsa lenyalo, ka jalo banyalani ba tshwanetse go nna ba itisitse go emelelana le diemo tseo tsotlhe gore ba kgone go nonotsha lenyalo go na le go letlelela diemo tseo.
Tona Maele o ne a kgothatsa banyalani go itsamaisetsa manyalo ka fa ba eletsang malapa a bone a nna ka teng go na le go utlwa ka batho.
A re go dira jalo go ka ama lerato mme go thube lelwapa.
O ba kopile gore fa go tla mo lenyalong, ba dirise botlhale go na le dikgakololo tsa ba bangwe.
O kopile gore fa go le bothata mo lwapeng, monna le mosadi ba buisanye ka dikgang tseo mme ba di rarabolole boo babedi.
A re go buisanya ke molemo o mogolo mo nyalong.
Mongwe wa banyadi, Mme Gabantogele Mangadi o ne a supa ka monyenyo fa lenaneo leo le mo letlile go nyalwa morago ga go nna le monnamogolo wa gagwe dingwaga tse di masome mabedi.
A re ba ntse mmogo ka lebaka le le leele ba sa nyalana ka gore ba ne ba se na madi a lenyalo.
Rre Keolebogile Maake o ne a iteela legofi lenaneo la Re a nyalana a re ke tsela e puso e tlhofofaletsang Batswana ba le bantsi morwalo wa lenyalo ka yone. O ne a gwetlha ba bangwe go le sola molemo.
Rre Maake a re o ne a tshela le mosadi wa gagwe ka boleele ba sa nyalana.
A re go nna mo botsalanong kwa ntle ga lenyalo go ne go le botlhoko ka dinako tsa merero ka ba ne ba kgaphelwa ntle, seo e le tsamaiso ya Setswana. BOPA
Source : BOPA
Author : Tshepo David
Location : Maape
Event : Re a Nyalana
Date : 23 Feb 2017






