Breaking News

Monana o tlhama ditiro ka lenaneo

23 Feb 2017

E re ka Botswana a faraferwe ke letlhoko la ditiro, monana mongwe wa kgotla ya Mowana kwa Mahalapye o itshimololetse kgwebo ya go dira digwapa ka thuso ya lenaneo la madi a banana mme a hira banana ka ene ba le barataro.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Rre Gofaone Semetsa yo o dingwaga di masome mararo le botlhano, o boletse fa a simolotse kgwebo ya gagwe a sena go fetsa dithuto tsa gagwe kwa University of South Africa (UNISA) kwa a neng a ithutela kgwebo teng.

Rre Semetsa o kaile fa a ise a kwalele khamphani epe kgotsa lephata lepe la puso a ikopela tiro morago ga go fetsa sekole kwa Afrika Borwa, mme e rile go tsweng kwa UNISA a simolola kgwebo ya digwapa a direla mo lwapeng ka 2008.

O kaile fa a ithutile go dira segwapa ka bo ene.

O kaile fa a ne a thusiwa ka lenaneo la banana ka 2009 gore a godise kgwebo ya gagwe mme a simolola go direla mo lefelong le letona le na le metshine  e e gwapisang nama mme a kgona go thapa ba bangwe.

Rre Semetsa o boletse fa a reka nama ya kgomo mo marekisetsong a nama mme a e dire segwapa ka go e tsenya metswako le go e omisa ka meshini, morago ga moo a bo a e tsenya mo mephuthelwaneng e e kwadilweng Wes Chills.

O kaile fa kgwebo ya gagwe e dira sente, a re o rekisetsa mephuthelwana ya segwapa mo marekisetsong a matona a tshwana le Choppies, dihotele, setshaba ka kakaretso le barekisi ba ba rekisetsang mo maemelong a dibese a Mahalapye, Palapye le Gaborone.

O boletse fa barekisi ba mapalamelo a dibese e le bone ba ba rekang thata.

O boletse fa kgwebo ya gagwe e itemogela dikgwetlho, a supa fa kgwetlho e tona e e lebaganeng kgwebo ya gagwe e le tlhaelo ya nama ya kgomo ka dinako tsa leuba. O kaile fa tlhaelo eo e dira gore ditlhwatlhwa tsa nama di oketsege.

Kgwetlho e nngwe ke kgaogo ya motlakase e e dirang gore tiro e eme gape e baka gore nama e senyege.

Le fa kgwebo e na le dikgwetlho, Rre Semetsa o beletse fa e dira sentle mo a kgonang go ijesa le ba lelwapa la ga mmogo le babereki ba gagwe.

Rre Semetsa o ne a gakolola banana ba ba batlang go simolola dikgwebo botlhokwa jwa go ipaakanya mo go tseneletseng le go dira dipatlisiso pele ba ka simolola kgwebo.

O ne gape a ba rotloetsa gore ba nne pelotelele ka gore go le gantsi kgwebo e tsaya dingwaga go itshetlela. BOPA

Source : BOPA

Author : Phidson Mojokeri

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 23 Feb 2017