Ditshupo tsa bokone botlhaba di ka Phatwe
12 Jun 2013
Ditshupo tsa monongwaga tsa kgaolo ya bokone botlhaba di rulaganyeditswe go tshwarwa ka kgwedi ya Phatwe e le lesome le borataro go fitlha e le lesome le bosupa.
Ditshupo tsa kgaolo e, di sale di tshwerwe la bofelo ka ngwaga wa 2001 mme tsa tloga tsa emisiwa ke go fudusiwa ga lebala la ditshupo le sutela matlo a mapodisi a a agilweng mo lefelong leo.
E sale go tswa foo, kgaolo e ntse e tshwara ditshupo tse di potlana. Ditshupo di ne tsa abelwa setsha fa gare ga metse ya Masunga le Mulambakwena.
E re ka jaana lebala leo e tlaa bo e le la ntlha le dirisiwa, komiti ya ditshupo ya kgaolo e lebanwe ke namane e tona ya tiro ya go le baakanya. Sengwe se komiti e tlaa itebaganyang le sone segolo bogolo ke go tsenya ditsompelo di akaretsa metsi, motlakase, masaka le tse dingwe fela jalo.
Dipaakanyo tse di tsweletseng di akaretsa go tlhama dikomiti tse di baakanyetsang tiro eo, ebile di setse di abilwe ka ditiro jaaka go kokoanya madi, go baakanyetsa baeng dijo, go kgabisa, go anamisa melaetsa le tse dingwe. Komiti kgolo ya ditshupo e setse e simolotse go tshwara diphuthego go buisanya ka tse di ka dirwang go tlhomaisa katlego ya tiro eo.
Mo phuthegong e e neng e tsene kgwedi eno e tlhola gatlhano, bontsi jwa dikomiti di ne tsa supa fa di ise di kopane sentle mme maloko a tsone a solofetsa fa a tlaa kopana mo nakong e e sa fediseng pelo.
Go sale foo, modulaselo wa komiti ya ditshupo, Rre Mathema Balule o ne a rotloetsa dikomiti go kopana ka ponyo ya leitlho go dira dipaakanyo tsotlhe nako e sale teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Potsolotso
Date : 12 Jun 2013






