Banana ba itshetsa ka tshilo
23 Feb 2017
Jaaka go tlwaelesegile gore bontsi ja batho ba ba thusiwang ka lenaneo la LIMID ba tlhopha thuo ya dipodi le dikgomo, banana bangwe ba Mogorosi ba tsere e sele tsela.
Rre Golebogilwe Paul wa dingwaga tse di masome a mararo le boraro le Rre Kefilwe Abenne ba ile ba itshwaraganya ngwaga o o fetileng go reka mochine o o silang mabele, lotlhaka le lablab ka thuso ya ba LIMID ba ba ileng ba ba ntshetsa sephatlo sa madi a one a neng e le P1500.
Mo puisanong le BOPA bosheng, Rre Paul o tlhalositse fa e le barui ba ba ileng ba thusiwa ke ba lenaneo la dithuso la banana (Youth Development Fund) go reka leruo la bone.
A re seo ke sone se se ileng sa ba gwetlha go batla mochine o o silang gore ba tle ba kgone go direla dikgomo tsa bone dijo ga mmogo le go ithusa go dira e le kgwebo ba silela batho mabele ka mo kgaolong ya bone bontsi ja batho e le balemi-barui.
O tsweletse ka go tlhalosa gore se sengwe se se ba gwetlhileng go reka mochine o ke gore ba ile ba itemogela gore bontsi ja batho morago ga temo ba tlogela lotlhaka mo tshimong ka jalo ba bona gore ka thuso ya mosilo o ba ka kgona go kopa lotlhaka le le sa dirisiweng le go le silela leruo la bone ga mmogo le go rekisa go itshetsa.
Rre Paul a re ke bangwe ba ntlha mo kgaolong ya bone go bona thuso ya go reka mochine o.
A tswelela ka go tlhalosa gore ka nako e ba rekileng mochine o, ngwaga o fetileng ka Moranang e ne e le nako ya batho ba fetsa kwa masimong ka jalo go ile ga ba tswela mosola thata ka kgwebo e ile ya ya kwa godimo bontsi ja batho ba tla go sila mabele le dijo tsa dikgomo.
O tlhalositse gore mo letsatsing ba ne ba kgona go dira madi a a kana ka makgolo a mararo a dipula.
A re le ntswa kgwebo ya teng e le bogadi bo gaufi, ke kgwebo e e laolwang ke dipaka tsa ngwaga.
O supile gore morago ga paka ya temo, kgwebo e nna boutsana, batho ba ba silang e nne ba ba saleng ba ipeetse mabele morago ga thobo.
Rre Paul o tsweletse ka go tlhalosa gore le fa ba dira sentle ka thuso ya mochine o, ba na le seemo sa tlhoko ya lefelo ka gore ba santse ba direla mo lwapeng, selo se a supileng fa se sa siamela botsogo jwa batho ka gore go sila go ntsha lerole.
A re mme se, ga se kake sa ba kgoba marapo ka ba na le maikaelelo a go godisa kgwebo ya bone ka go batla mochine o o tlhobolang le go photha mabele.BOPA
Source : BOPA
Author : Boikobo Monageng
Location : Mogorosi
Event : Potsolotso
Date : 23 Feb 2017






