Breaking News

Go itlhatlhobela mogare wa HIV kega mongwe le mongwe

23 Feb 2017

Batswana botlhe ba kgothaditswe go itlhatlhobela bolwetse jwa HIV/AIDS go sa kgathalesege dingwaga tsa bone.

Seo se builwe ke modulasetilo wa mokgatlho wa Ideal Woman Association mo potsolotsong le BOPA bosheng  kwa Mahalapye.

Mme Catherine Kapo  a re mokgatlho wa gagwe o tshwenyegile ka go utlwa dipalo tse di tsweletseng ka go ya godimo tsa batho ba ba amiwang ke mogare wa HIV, ka jalo ba ithaopile go ruta setshaba ka bolwetse jo.

A re gape ba kgothatsa banyalani le baratani go itlhatlhoba ka dinako tsotlhe go sa kgathalesege gore ke bagodi kana jang.

O kgothaditse bagodi gore ba itlhatlhobe le fa bangwe ba tlaa ipotsa gore ke eng mosadimogolo le monnamogolo wa gagwe ba itlhatlhoba ntswa e le bagolo.

A re seo ke sesupo sa gore bolwetse joo ga bo tsene banana fela, a re le bone ka e le bone baoki ba bana ba bone, ba na le gone go ka tsenwa ke bolwetse joo.

A re o kopa Batswana botlhe go itlhatlhoba le go ithuta go amogela seemo sa maduo le fa e ka nna a a ntseng jang, a ba a re morago ga moo ba tshwanetse go rerela ba masika le ditsala ka bolwetse joo.

Le fa go ntse jalo,a re o rotloetsa batho go tsaya tsia dikgakololo tsa baoki,a tlatsa ka gore molaetsa wa bone o ka ba rokotsa go itlhatlhobela malwetse go direla gone gore ba nne ba itse seemo sa bone.

O kopile bagodi botlhe go dira jalo mme ba se ka ba ipolelela gore bone ba godile e bile ga ba kake ba tsenwa ke bolwetse.

Modulasetilo a re o lemogile gore fa baratani le banyalani ba itlhatlhoba ka bongwe ka bongwe, ga ba bolelelane boammaaruri ka maduo a bone,ka jalo o ba kgothatsa go nna ba itlhatlhoba ba le mmogo.

“Motho yo o lobelang yo mongwe maduo o tshwana fela le motho yo o bolayang yo mongwe ntswa a re o a mo rata,”a tlhalosa.

Mme Kapo a re ke seabe sa bone e le setshaba go lwantsha malwetse ka go itlhatlhoba ka nako, a re ba gwetlha gore bao ba ba senang mogare ba itshware sentle fa ba tswa mo tlhatlhobong mme ba ba nang le mogare bone le bone ba itse gore ba itlhokomela jang.

Mo go tse dingwe, modulasetilo Mme Kapo o kgothaditse banni ba motse wa Mahalapye go tsaya botsogo jwa bone ka tlhwaafalo.

O ba rotloeditse go nwa dipilisi sentle jaaka ba laetswe ke ba bongaka.

O ne a ngongorega ka batho ba ba tsweletseng ka go latlha dipilisi, a tlatsa ka gore puso e dirisa madi a mantsi go reka melemo ya malwetse.

A re boeteledipele jwa metse bo tshwanetse go ema puso nokeng go ka gakolola setshaba ka malwetse.

A re puso e rata batho ba yone fela thata ke ka moo e neng ya ema ka dinao go batlela setshaba dipilisi tse di ritibatsang mogare ga mmogo le malwetse a mangwe.

Mme Kapo a re go tsaya kgato moo go ne ga fokotsa dipalo tsa batho ba ba neng ba tlhokafala ka ntlha ya bolwetse jo.

A re go maswabi gore bangwe mo nakong ya gompieno ba bo ba sa ntse ba tlhokafala ka ntlha ya go itirela botsotsi jwa go tlhoka go tsaya kalafi sentle.

Mme Kapo a re o kopa setshaba go emisa nnotagi gore dipilisi di tle di bereke sentle ka fa go tshwanetseng  ka teng go lwantsha bolwetse mo mmeleng, a tlatsa ka gore bojalwa le dipilisi ga di a tshwanela go pataganngwa ka seo se le borai.BOPA

Source : BOPA

Author : Ogomoditse Johannes

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 23 Feb 2017